Ngwaga ya akatemi e simolotse ka mo dikhampaseng tsa YBB






Ngwaga ya akatemi e simolotse ka mo dikhampaseng tsa YBB

Ka mo pulong ya semmuso ya dikhampase tsa Potchefstroom le Vaal Triangle tsa YBB go ne go abelwa dikabelo tsa batho ba ba dirileng dingwaga-ngwaga.  Badirimmogo ba ba 81 ba amogetse dikabelo mme ba dirile dingwaga di le 1460 magareng a bone.

Ka ditirelo tse tsa dipulo Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB o ne a gatela maikaelelo a a botlhokwa a togamaano a 2007.

Go ya ka Ngaka Eloff, YBB e ikaeletse go oketsa palo ya baithuti ba ba fetang le go dira go lebagantsha diporokerama tsa mo dikhampaseng tse di farologaneng.
According to Dr Eloff, the NWU intends to improve the throughput rate and to work towards the alignment of programmes on the different campuses.  Setlapele se sengwe ke patlisiso le popontshwa ka go lebelela bokgoni jwa go batlisisa le tsamaiso e e itumedisang ya tsamaiso ya metswedithuso.

Setlapele se sengwe sa go lebelela ke go tlhomamisa gore filosofi le ditiro tsa tsamaiso di ikaeletse boikarabelo jwa sebele, tlhaloganyo ya go dira sentle le gore maano a go dira a a tswelediswa mo dikarolong tsotlhe tsa YBB ya popo-nngwe ka dikhampase tse tharo.  Gape ke setlapele go tlhomamisa gore dithulaganyo le didiriso tsotlhe di dirisiwa gotlhe-gotlhe gore go se diriwe ka melao fela kwa ntle ga tiragatso.

YBB gape e lebelela tlhomamiso ya boleng le go ipaakanyetsa Palotlhwotlhwa ya Setheo ka 2008.  Se ke tiragalo e e botlhokwa thata ya makgaolakgang mo bophelong jwa YBB fa o sa balele kopano ya diyunibesiti.

Ditlapele tse dingwe tse Ngaka Eloff ke tiro ya letshwaokgwebo e e diriwang jaanong jaana mo YBB mme se sengwe ke go agela pele Setheo sa Kgwele ya Maoto kwa khampaseng ya Mafikeng se se tlhometsweng fela maloba.

Pulo ya semmuso kwa khampaseng ya Mafikeng e ne e betswe 12 Tlhakole mme e isitswe kwa pele ka go na le mabaka a a neng a sa akangwa.

