Motlhatlheledi wa YBB o bopa laboratori e e ka lebelelwang ya dikolo






Motlhatlheledi wa YBB o bopa laboratori e e ka lebelelwang ya dikolo

POTCHEFSTROOM  Moporof. Peet van Schalkwyk, motlhetlheledi wa lecturer in Boenjenere jwa Makheneke ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima o bopile laboratori e e ka tlhalosang ka tirisanommogo le ka go bona ya mo CD e e bontshang ka go phedisa mabaka a saense ka mokgwa o o bonagalang ka mokgwa o o phelang mo baneng le mo baithuting.

Go ya ka Moporof. Peet van Schalkwyk nako e ntsi barutabana ga ba kgone go dira ditekelelo ka mo burutelong go kgona go bontsha jaaka di ka diragala ka mo bophelong jaaka tsiboso, momentamo le maatlakgogedi.  Mo mabakeng a mantsi diktekelelo di diriwa ka mokgwa o o suleng wa mo dibukeng fela kapa mo letlapeng mme bana ba tlogelwa gore ba ikakanyetse le go iphedisa ditekekelo go tlhaloganya gore mo bophelong tiro e diragetse jang.

CD e e phedisang e e dirisanang e fa tshono gore barutiwa ba bone ditekelelo ka mo khomputareng.  Bana ba kgona go dirisana ka mo ditekelelong ka go klika le go fetola mabaka ka mo ditekelelong go bona ka matlho gore go fetola eng jaaka fa go na le ditekelelo tsa maatla la mabelo a a ka fetolwang go bontsha dilo tse di diragalang.

Letlhare la tiro le le ka gatisiwang ke le le ka dirisiwang go kaela tsela ka mo tekelelong.  Mo nakong e e tlang matlhare a a tiro a ka ntshiwa ka borutegi jo bo farologanang gore di kgone go dirisiwa ke baruwana ba ditlhopha tse di farologanang le baithuti.

CD jaanong jaana e ka amogelwa ka puo ya Seaferikanse mme tshedimosetso e nngwe e ka Seesimane.  Go ka kgona go lebelela dikao tsa ditshwantshiso tse o ka di lebelela ka mo intanete kwa www.peetvs.co.za (Link: http://www.peetvs.co.za).


Moporof. Peet van Schalkwyk, motlhatlheledi wa mo YBB mo khampaseng ya mo Potchefstroom yo a bopileng CD ya laboratori e e bonagaleng e e phedisang ditekelelo.


Dikao tsa ditshwantsho tse di dirisitsweng ka mo godimo ga CD.

