Moithuti wa sefofu o baya YBB ka mo mmepeng ya lefatshe






Moithuti wa sefofu o baya YBB ka mo mmepeng ya lefatshe


VAAL TRIANGLE   Mor. Hendrik Steyn, moithuti wa sefofu wa kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke gone maloba a boang kwa moseja kwa Tbingen, kwa Jeremane, kwa a neng a emetse YBB mo porokerameng ya setso ya Tbingen/South Africa 2007.

Mor. Steyn o ne a le karolo ya setlhopha sa bithuti ba ba 22 ba ba neng ba etetse Yunibesiti ya Tbingen go tloga ka 2 go 28 Ferikgong 2007.

Maikaelelo a porokerama ke go itsisa baithuti ba mo Aforika-Borwa setso, hisitori le puo tsa Sejeremane.  Gape porokerama e ne e akaretsa dithuto ka ga setso sa Sejeremane, Ekonomi, dipoletiki le puo ya Sejeremane le maeto kwa mafelong a kgatlhego mo Tbingen le kwa ditoropong tse di gaufi.

Go ya ka Mor. Steyn leeto le e ne e le le rutang ruri.  Ene o kgatlhilwe ke thulaganyo ya thwalo ya batho ba sethaba ka kwa Yoropa.  Ka ene a le sefofu o ne a kgona go tsamaya dikilometara di le 1500 mo ditereneng kwa ntle ga mathata. Dilo jaaka diroboto tse di buang ke e nngwe ya dikao tsa go bontsha gore batho ba kwa Yoropa ba ema nokeng batho ba digwele le ditlhokego tse dingwe go feta.

Mor. Steyn o ne a le nngwe wa baithuti ba batlhano ba ba neng ba tlhophilwe ke Fotim go tsenela porokerama e.  Keriteria ya go ba tlhaola e ne e le gore ga ba a tshwanelwa go nna baithuti ba ngwaga ya bofelo mme ba ne ba tshwanetse go nna baemedi ba ba neng ba tla kgatlhisa ditheo tsa bone le ba Aforika-Borwa mme gape ba ne ba se ba ete kwa ntle ga Aforika-Borwa pele.



Hendrik Steyn gammogo le morulaganyi wa porokerama, Barbara Owen.



Hendrik Steyn gammogo le morulaganyi wa porokerama , Marion Schmitt, ba itapolosa monate ka mo sematheng ka leeto la maloba la kwa Tbingen, Jeremane.



