YBB Mafikeng e ema bagwebi ba bantshwa nokeng






YBB Mafikeng e ema bagwebi ba bantshwa nokeng

MAFIKENG  Lefapha la Thwalo le Ekonomi (Fakaltji ya Kgwebo le Tsamaiso) ka kwa khampaseng ya Mafikeng e tlhometse yuniti e e ntshwa fela maloba mme e bidiwa YEDU (Youth Entrepreneurial Development Unit).

YEDU e tlile go nna yuniti e e kgethegileng ya go thusa bogwebi e e thusang ka go kaela bagwebi ba ba bontshang bokgoni tsela go tloga mo bonnyaneng go ya go bogolong gore mo bofelong ba fitlhe kwa bokgoning jwa dikorporasi.

E tla bopa mme e tshegetse yuniti ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima e e nang le dikarolo tse dintsi, e e balelang tsotlhe, e e fetogang ya go ema nokeng gwebisano.  Maikaelelo bogolo segolo ke go tla ka kemo nokeng ya mefuta-futa ya ditirelo go botlhe ba ba ka kgonang go tsena ka mo tikologong ya dikorporasi.  Se se ka fitlhelwa ka go fana ka katiso, thuso ya sebele le kemo nokeng le tsela e e bulegileng go amogela neeletsanyo.Ka go dira jalo go ka godiswa ditirisanommogo le karolo ya dikoporasi tsa kgale ka mo porofenseng ya Bokone Bophirima le mo Aferika-Borwa mo bofelong.

