YBB e ithorisa ka baatleletiki ba batsha






YBB e ithorisa ka baatleletiki ba batsha

POTCHEFSTROOM  Kelapa ya Dreamveldt ya Diatleletiki ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e amogetse thobo e e itumedisang ya baatleletiki ba maemo a a kwa godimo ya batsha ba ba ikwadisitseng go tshegetsa kemo ya gore ke tlelapa e e botoka go feta tsotlhe mo sethabeng.

Yo mongwe wa dinaledi mo setlhopeng ke moatlelete wa kgweletshipi ke Simone du Toit yo e leng mampodi wa batsha le bagolo yo a boneng metlele ya gauta kwa Kgaisanong ya Batsha ya Lefatshe ngwaga e e fetileng.  Moatleletiki yo mongwe gape wa mampodi ke Nol Meyer yo a leng Mampodi wa Batsha wa Lefatshe wa jabelini yo a tlogang a bontsha bokgoni magareng a bagolo.

Pieter Botha, ene ke moatlelete wa mepakwana wa 400m yo o solofelang thata mme le ene o ne a tabogile kwa Kgaisanong ya Batsha ya Lefatshe mme ka thuso ya mokatisi Ria van der Berg o tla fitlhela kwa godimo go feta mo go kgatlhisang.  Dayne Lekay e ne e le motabogi wa bobedi mo kgaisanong ya go taboga botelele jo bokhutswane mo sethabeng mo batsheng mme gape go na le motlolelagodimo Pieter Smith yo a itlhorisang ka bogodimo jo bo gaisang tsotlhe jwa 2.10m ngwaga e e fetileng.
Moatlelete wa lebala Louis Botha o kgoromeditse kgweletshipi go feta 16 m mme o latlhetse tisikhase 48,68 m mme tse ke bokgoni jo bo kgatlhisang.  Pieter van Gent ke moeteledipele le motsayakarolo wa katiso ya kgweletshipi le jabelini mme o tlile go ema nokeng le Pieter van Deventer (50,40).

Mampodi wa Kgaisano ya Batsha ya Aferika ka mo 100m(11.60), Thandi Mngewvu o ikwadisitse le ene ka mo Khampaseng ya Potchefstroom mme mokatisi Owen van Niekerk o setse a dumela gore ene o tlile go taboga go feta nako eo ngwaga e.

Ferney Kitshoff, moatlelete yo o solofetsang thata wa jabelini yo o tla ikatisang ka mo tlase ga leitlho la ga Terseus Liebenberg, o setse a tlodile 70m e e makatsang mme go dumelwa gore o tsamaela go ya kwa ntlheng ya 75m.



Baatlelete ba ba kgatlhisang ba bane ba batsha ba ba ikwadisitseng ka mo tlelapeng ya NWU PUK ngwaga e ke Nol Meyer, Simone du Toit, Pieter van Deventer le Ferney Kitshoff. (Setshwantsho ka Piet de Jager)

