Kgaisano ya dibaesekele e maatlafatsa letlole la thuso la baithuti ba kwa khampaseng ya Vaal






Kgaisano ya dibaesekele e maatlafatsa letlole la thuso la baithuti ba kwa khampaseng ya Vaal

Khumo e e dirilweng ka kgaisano ya dibaesekele ya Pick ? Pay Fast One e e simololang kwa Germiston mme e fela kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya YBB e tla dirisiwa go godisa letlhole la thuso la baithuti ka mo khampaseng eo.

Kgaisano e e neng e itsege pele e le ya Hyper to Hyper ke mokgwa o o botlhokwa thata wa papatso ka gore e biletsa batho ba ba ka nang 20 000 kwa khampaseng ka letsatsi la kgaisano.  Gaufi le bapalami ba dibaesekele ba le 9000 ba ne ba ikwadisitse ka kgaisano e e neng e tshwerwe ka Sontaga wa 28 Ferikhong mme se se dirile gore e bonwe e le kgaisano e e mo go tse tlhano tse dikgolo ka mo Aferika Borwa.

Ka mokgwa o kgaisano e e ratiwang ka teng le ka tlhomelo ya Akatemi ya go palama Baesekele fela maloba kwa khampaseng ya Vaal Triangle le ka go na le mokatisi wa ruri wa bapalami wa boithutelo e bong Mor Duncan Viljoen,  go setse go bontsha khumo ya kgatlhiso ya go palama dibaesekele ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.

Akatemi ya go palama Baesekele e setse e bopile boto ya go tla ka dikgakololo e e bopilweng ke Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle, Mor Peter Viljoen, Modulasetulo wa Gauteng South Cycling, Mor Ertjies Bezuidenhout, moithuti wa pele wa PUK le mopalami wa Springboko le Mor Phillip Vermeulen,  Mokaedi wa Tsamaiso wa Vesco.

Kgaisano e e akangwang ka 2007 ke kgasano ya mo Yunibesiting ya Campus to Campus Super Classic e e tla tshwariwang ka 30 Lwetse kwa khampaseng ya Vaal Triangle.

Khampase gape e tla tshwara kgaisano ya ngwaga le ngwaga magareng a diyunibesiti.  E simolola ka 26 Lwetse ka kgaisano ya Campus to Campus ka gore yone ke kgaisanokgolo.  Kgaisano e magareng a diyunibesiti e tla tshwariwa ka mo tlase ga South African Students Sports Union.



