CTexT e amogela kabelo ya kgodiso ya dipuodintsi






CTexT e amogela kabelo ya kgodiso ya dipuodintsi

Senteramo ya Thekenoloji ya Mokwalo e e bidiwang  Centre for Text Technology (CTexT), fela maloba e amogetse kabelo go tswa go PanSALB(Pan South African Language Board) ya go godisa tiriso ya le dipuo mo Aferika Borwa.

CTexT e ikaeletse go maatlafatsa e seng dipuo fela mo Aferika Borwa mme ba ikaeletse go maatlafatsa le batho ba ba di buang, ga bua Moporof.Gerhard van Huyssteen, mokaedi wa CTexT.

CTexT, e e bonwang e le moeteledipele ka mo karolong ya HLT(Human Language Technology) mo Aferika Borwa, ke senteramo e e sa ikaelelang kgwebo mme e e itlhokomelang fela ka mo tlase ga Yuniti ya Patlisiso ya Dipuo le Ditlhangwa ka mo Fakalthi ya Atshe ka mo khampaseng ya Potchefstroom.


Ctext e dira patlisiso go ema nokeng tlhabololo le gwebiso le tshegetso ya dikhumo tsa diporokerama tsa khomputara kwa badirising ba bofelo. CTexT e setse e bopile dikhumo tse di farologaneng tsa diporokeramo tsa khomputara jaaka tse di baakanyang mopeleto tsa Sexhosa, Sezulu, Sesotho sa Leboa le Setswana gammogo le diporokerama tsa go ithuta dipuo tsa Seaferikanse, Sexhosa, Sezulu le Setswana.

Jaanong jaana CTexT e dirisana mo porojekeng e e tla dirang diphetolo ka mo khomputareng ka mo lefelong la wepe la YBB e e tla dirisiwang monongwaga.  Go akangwa gore morago ga go klika ka mo lefokong o ka kgona go bona Setswana, Seesimane le Seaferikanse ka mo lebokosong le le tlhagelelang.  Tirelo e e tla nna teng go lebelela mafoko a a 4000 a a dirisiwang go feta ka mo lefelong la wepe la YBB.

Tiro e nngwe e e diriwang jaanong jaana ya CTexT ke dikhonteraka tse di farologaneng tsa tlhabololo kgodiso ya tiriso ya dipuodintsi ka mo Aferika Borwa. Tshedimosetso e e tseneletseng e tla fetisiwa fa dikhonteraka di saenilwe semmuso.


Moporof. Gerhard van Huyssteen , Tlhogo ya CText.



Tse dingwe tsa dikhumo tsa CText.



