NWU, Porojeke ya go aga ya dimeleone di le R30 e feditswe kwa khampaseng ya Vaaldriehoek








Porojeke ya go aga ya dimeleone di le R30 e feditswe kwa khampaseng ya Vaaldriehoek

Ngwaga o moswa o simolotse ka lebelo ka mo khampaseng e e ntshwa e e tokafaditsweng ya Vaaldriehoek morago ga gore go fetswe kgala ya ntlha ya porojeke ya go aga ya gaufi le R30 mileone mme go tokafatswe le dikago tsa akatemi tse tharo.

Kamogelo le tshutiso ya badirimmogo le baithuti ba Vista ya pele go tswa kwa khampaseng ya Sebokeng go ya go ya Vaaldriehoek e feditswe jaanong. Se se ne se le karolo ya kopano ya diyunibesiti e e neng e simolotswe kwa 2004 mme se se ile sa tlisa kgwetlho ya gore go na le tlhokego ya dibebofatsi le dithulaganyetso ka mo khampaseng ya Vaaldriehoek.

Diporojeke tsa go aga tse di feditsweng di akaretsa kago ya diofisi ya madulo a mabedi ya badirimmogo ba Bosaense jwa Thuto, Bosaense jwa Popontshwa le ITB.

Kago ya ntlha ya akatemi ke ya diphaposiborutelo tse thataro tsa Bosaense jwa Thuto le diphaposiborutelo tse tlhano tsa dikhomputara. Kago ya bobedi ya akatemi ke e e nang le diphaposiborutelo fela tse nne tse di tla kgonang go tlhatlhela e nngwe le e nngwe baithuti ba ba lekgolo.

Tokafatso ya dikago tsa pedi tsa akatemi tse go dulang dikolo tse nne tsa akatemi di tla fetswa pele dithuto tsa ngwaga di simolola. Kago e pele e neng e le laeborari le diphaposiborutelo tsa dikhomputara e tokafaditswe go nna laeborari ya difoluru di le tharo e e tla fetswang ka mafelo a Tlhakole mme e dirisiwe. Palo ya madi ya porojeke e fela e ka fitlha dimeleone di le R3.

Ya ntlha gape ke kago ya Baeteledipele ba baithuti ba khampase ya Vaaldriehoek(SRC) ba ba amogelang diofisi tse dintshwa tse di nang le gotlhe se se itumedisang. Tse di agiwa mo kageng e e neng e dirisiwa pele ke Bosaense jwa Thuto pele.

Se se ntshwa gape ke ATM ya ABSA e e ntshwa ka mo kagong e e ntshwa ya laeborari.

