NWU, Setheo sa Tiragatso e e kwa Godimo ya FNB e goka setlhopha sa diatletiki sa Olympiki sa Boritane








Setheo sa Tiragatso e e kwa Godimo ya FNB e goka setlhopha sa diatletiki sa Olympiki sa Boritane

Kopanyetso ya boswa jo bo itumedisang, mabala a bojang le dibebofatsi tse di itumedisang tsa Setheo sa Tiragatso e e kwa Godimo ya FNB(FNB High Performance Institute) di dira gore YBB e nne lefelo le le rategang la katiso ya setlhopha sa diatletiki sa Olympiki sa Boritane se se etetseng.

Setlhpha se se fitlhile ka mo Aferika Borwa ka tshimologo ya Ferikhong 2007 go tlela khampa ya katiso ka mo sentareng ya metshameko ya ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB.

Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB o ba bontshitse botho le tsholo ya
ma-Aferika Borwa ka go ba kopa go ya go besa nama kwa legaeng la gagwe la motlatsa-khansele ka Sontaga ya 14 Ferikhong 2007.

YBB, e e bongwang e le yunibesiti e e kwa godimo-dimo ya metshameko mo Aferika Borwa, e bona metshameko e le botlhokwa thata, ga bua Ngaka Eloff ka kamogelo ya bone ka mathapama wa Sontaga.

Go ya ka mor. Aston Moore, mokatisimogolo wa go taboga wa setlhopha a re go ikatisetsa ka mo Potchefstrom ke karolo e e botlhokwa thata ya setlhopha go ipaakanyetsa European Indoor Athletics Championships ka Mopitlwe monongwaga.

Ka mo go ba ba mo setlhopeng go na le moh. Jo Pavey yo a leng ka mo go ba ba kwa godimo ba batlhano ka mo lebelong la bokgakala jo bo mo gare jwa basadi mo lefatsheng. Moh. Pavey o setse a itse Potchefstroom ka a setse a kile a ikatisa ka mono nako e e fetileng.

Naledi e nngwe ka mo setlhopeng ke mor. Mark-Lewis Francis yo a leng karolo ya Boritane ya 4 x 400m ya banna ya peiso ya thefosano ba ba neng ba kgatlhisitse lefatshe ka go fenya kgaisano kwa pele ga Amerika jaaka botlhe ba ne ba akantse mme ba fenya metele ya gauta kwa Motshamekong wa Olimpiki kwa Athene ka 2004.

Moh. Kelly Sotherton, yo a fentseng metele wa boronse ka heptathlono kwa Motshamekong wa Olimpiki kwa Athene, kwa Geriki ka 2004, le ene ke tokololo ya setlhopa.

Gape yo a tlileng le setlhopa ke modiredi wa ngaka wa tlhogo, Ngaka Paul Dijkstra, yo a neng a dula pele mo Potchefstroom yo e leng ngaka le moitse-ditemalo tsa metshameko.

Go ya ka Mor. Jean Verster, yo a tlisitseng setlhopha ka mo Potchefstroom, maeto a dinaledi tse tsa diatletiki tse, jaaka setlhopha se sa Boritane, di thusa gore bakatisi le baatletiki ba mo go rona ba kopane mme ba rutane le ba ba kwa dithabathabeng.


Go tswa mo molemeng: Moporof. Dawie Malan, Mokaedi wa Sekolo sa Biokenetiki, Boitapoloso le Bosaense jwa Metshameko, Mor. Aston Moore, Mokatisi-tlhogo wa mabelo a makhutswane wa setlhopha sa Boritane sa Olimpiki ba ba etileng mo, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB le moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB.


Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-khansele wa YBB (mo molemeng kgakala) fela maloba o ne a amogela mme a tlosa setlhopha sa Boritane sa Olimpiki bodutu kwa ga gagwe. Le ene, go na le ditokololo tsa setlhopha sa mediki ba ba etang le ba diatletiki. Bone go tswa ka mo molemeng ke: Ngaka Paul Dijkstra, Moh. Paula Clayton, Moh. Rhon Thompson, Moh. Sam Stear le Mor. Neil Black.

