﻿NWU, new brains for the North-West University






YBB e tlile go tlhoma Setheo sa Kgwele ya Maoto

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e mo tseleng go tlhoma Setheo sa Kgwele ya Maoto ka 2007 kwa Khampaseng ya Mafikeng.

Setheo se se na le maikaelelo a go tlhabolola baithuti ka bo-yotlhe mme gape ke tiro ya Yunibesiti go tlisa tshono le kemonokeng go tlhabolosa metshameko mo dikarolong tsotlhe.  Maitemogelo a a amogetsweng ka mo Setheong sa Rakabi sa YBB le Akatemi ya Kerikete a tlile go dirisiwa monate go netefatsa toro e.  Sa ntlha go ka simololwa ka baithuti ba ba 40 fela ba ba tla kwadisiwang kwa Setheong.

Kwa Setheong go ka rutiwa didiploma kapa didikerii tsotlhe tse di leng kwa Khampaseng mme gape go tla tlhomelwa khoso e e lebeletseng Bosaense jwa Metshameko e e lebelelang Kgwele ya Maoto.  Go ka na le tlhomelo gape ya dikhoso tsa katiso le dikampa tsa go katisa bakatisi ba Kgwele ya Maoto ba dikolo le dikelapa tsa diporofense le tsa naga.

Mo maikaelelong a YBB go tsamaisana le Setheo sa Kgwele ya Maoto ke go dirisa Kgwele ya Maoto go bitsa baithuti le go ruta merafe le go di tlhabolola.  Setheo se gape se tla dirisiwa go ipaakanyetse Sekgele sa Lefatshe sa 2010 ka mo khampaseng ya Mafikeng gore go diragatsa setheo se se bonagalang se se boleng go tlhabolola Kgwele ya Maoto mo porofenseng le mo lefatsheng la Aferika-Borwa ka bophara.





