NWU, new brains for the North-West University






YBB e tsenela tiro e e nthwa ya dimelione di le R15 mil
Tumelano dimelione di le R15 e saenilwe magareng a Khampase ya Potchefstroom ya YBB gammogo le BioPAD gore go agiwe polateforomo ya metaboliki ka mo kontinenteng.

Dikarolo tse pedi mo go tharo tsa madi di tla dirisiwa ke Sekolo sa Biokhemisi go tsenya thekenoloji ka mo dilaboratiriamong mme karolo e e salang e tla dirisiwa go tsamaisa dilaboratoriamo tse paka ya dilemo di le tharo.

Popo ya dipolateforomo tse ke go tlisa boeteledipele ka mo saenseng ya lefatse ka mo go rona mme se ke kgato e kgolo ya go ya pele ka poponthwa ya thekeniki ya biothekeniki ga bua motsamaisi wa Thekenoloji ya Biotekeniki wa Lefapha la Saense le Thekenoloji, mor. Ben Durham.

Go ya ka moeteledipele wa porojeke, Moporof. Carools Reinecke, itshimololelo ya porojeke e tswa kwa motsamaising wa khudutamaga wa BioPAD, Mor. Butana Mboniswa. Go tlisa tiriso ya polateforomo ka mo Khampaseng ya Potchefstroom ke ka lebaka le thekenoloji ya metaboliki e e leng teng ka mo khampaseng le bokgoni jo bongwe jo bo amogetsweng ka go etela disenteramo tsa tlhano tsa metaboliki kwa Yuropa.





