NWU, new brains for the North-West University






Ikitsise Modulasetulo yo Monthwa wa Khansele

Ngaka Lydia Sebego o kgethilwe go nna Modulasetulo yo Monthwa wa Khansele ka kopano e e neng e tshwerwe ka 24 Ngwanatsele 2006.

Kgetho ya gagwe e butse phatlha ya gore go kgethiwe Motlatsa-modulasetulo wa Khansele yo monthwa. Mor. Peet van der Walt o kgethilwe go nna Motlatsa-modulasetulo wa Khansele yo monthwa.

Ditokololo tse dinthwa tsa Komiti ya Phetiso
Ditokololo tse pedi tsa Komiti ya Phetiso ya Khansele, kwa ntle ga Modulasetulo wa Khansele, di ne di sa tlhole di kgona go dira ka mo Komiting ya Phetiso.

Mo lebakeng la ga Ngaka Johan van Zyl, o santse a tswelela go nna Modulasetulo wa Komiti ya Dithelete mme mo lebakeng la ga Ngaka Leon Wessels nako ya thapo ya gagwe e fela ka 11 Tlhakole 2007.

Kopano e ile ya kgetha Mor. Flip Buys le Mor. OJJ Tabane go dula ka mo Komiting ya Phetiso go tloga jaanong jaana.

Tokololo ya go tswa kwa ntle ya Khansele ka mo IF
Khansele e kgethile Ngaka Neels Smit go ba emela ka mo Foramong ya Setheo(IF-Institutional Forum)





