They made it!








Go ne go bolelwa e bile go diragatse. Go na jaanong folaga ya Yunibesithi e phaphaselela kwa godimo ga Uhuru, e bong setlhoa se se kwa godimodimo sa thaba e e ikemetseng ka kgololosego ya Aforika.

Mo malatsing a le mane, setlhopha se ne sa fufulelelwa mo tseleng ya go ya kwa sekgweng sa pula se se hupetsang mowa le kwa lefatsheng la sekaka la Tanzania, pele ba simolola loeto lwa bona lo ba neng ba lo ikaeletse e le tota lwa dimetara di le 1 000 go ya kwa setlhoeng se se khurumeditsweng ke segagane ka nako ya 23:00 ka Sontaga bosigo.

Morago ga diura di ka nna supa le halofo (ka nako ya 6:30 mo tlhogong go le mo mosong)  mo dimetareng di ka nna 5 895 mo bogodimong jwa lewatle  folaga e ne ya simolola go phaphasela. Jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go simolola loeto lwa bona lwa go boela morago.

Eloff o ne a ntse a itsese ofisi ya gagwe ka ga se se diragalang ka nako eo mabapi le letsholo lwa bona lwa go palama thaba. Mo molaetseng wa gagwe wa bofelo ka selulafounu ka Mosupologo, o ne a bolela fa setlhopha sa gagwe se le mo tseleng go boela morago go tswa kwa setlhoeng. Mo letsatsing leo, ba ne ba tshwanelwa ke go fologela kwa tlase dimetara di le 1 800 le tse dingwe di le 1 200 ka Labobedi.



O ne a re: E ne e le kgwetlho e kgolo e le tota, fela e le katlego e kgolo gape. Botlhe re kgonne  ka thuso e kgolo. Go ne go na le go opiwa ke tlhogo le go feroga dibete go go neng go tlholwa ke kgatelelo ya maemo a lefaufau, fela tsotlhe di tsamaile sentle go ya ka maikaelelo a rona.    

Motlatsa-Mokanseleri o boela gae mo Aforika Borwa gompieno mme re solofela go bona tshedimosetso e e tswang mo go ene ka tlhamalalo ka moso.

Eloff le Combrink ba ne ba patilwe ke Prof Melvin Mbao wa Legoro la Molao kwa Khampaseng ya Mafikeng le Moh. Elbie Steyn, Mokwadisi wa kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.

Mo setlhopheng go ne gape go na le dingaka di le pedi go tswa kwa Potchefstroom, baemedi ba baithuti ba le babedi ba setlamo sa papatso le baemedi ba makasine wa banna ba ba tla phasalatsang tiragalo e e tshwanang e le nosi e ya botsamaisi jwa Yunibesithi mo nakong e e sa fediseng pelo.

