Vaal Triangle Campus boasts with record number of PhDs






Khampase ya Vaal Triangle e ipela ka rekoto ya yona ya palo ya baithuti ba ba bonang didikerii tsa PhD monongwaga.

Ka ntlha ya baithuti ba nthwa ba le robong ba ba tla amogelang didikerii tsa bona tsa PhD kwa Moletlong wa Dikapeso tsa Dikgakologo mo bekeng e, Khampase e tla bo e na le palogotlhe ya baithuti ba PhD ba le 18 ba ba atlegileng monongwaga. Se, ke didikerii tsa PhD tse di fetang tsa ngogola ka di le 12.

Khampase e na gape le moithuti yo o atlegileng go feta wa Masters monongwaga. Ka didikerii tsa masters di le 19 go feta tsa ngogola, palogotlhe ya 2005 ke 43 fa di kopane tsotlhe. Didikerii tsa masters le tsona di tla amogelwa kwa Moletlong o wa Dikapeso tsa Dikgakologo ka Labone.

Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tla aba palogotlhe ya didikerii tsa PhD di le 34 kwa Moletlong o. Didikerii di eme jaana go ya ka Magoro a tsona:  Arts (1), Natural Sciences (4), Theology (7), Educational Sciences (4), Economic and Management Sciences (5), Health Sciences (4) mme di le (9) e le tsa kwa Vaal Triangle.

Bonnye di le lesome tsa didikerii tsa bongaka tse dinthwa ke badiri ba dikhampase tsa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima ba kwa Potchefstroom le Vanderbijlpark. Gareng ga bona go na le Rre Werner Nell (Sociology) wa Khampase ya Vaal Triangle.

Go ya ka Prof Tinie Theron, Modini wa Legoro kwa Vaal Triangle, 50,6% ya batlhatlheledi mo Khampaseng ba na le didikerii tsa bongaka (PhD).

