Nutrition Safari for innovative solutions






Go lebega dithulaganyo tsotlhe di tsamaya sentle jaaka borasanese ba merero ya dikotla, babatlisisi le dingaka ba kokoana mmogo kwa Kopanong ya Bodithabathaba  ya bo18th e e ka ga Merero ya Dikotla kwa International Convention Centre kwa Durban.

Kopano e e rulaganyeditsweng go tsena ka la 19-23 Lwetse, e tla ngokela baamegi ba ka nna  bokana ka 2 500 go tswa mo lefatsheng ka bophara.

Go ya ka Prof Este Vorster, mokaedi wa Centre for Preventive and Therapeutic Interventions kwa Khampaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima, maikaelelo a kopano e ke go abelana kitso le maitemogelo gareng ga bao e leng batsayakarolo ba bagolo ba ba dirang dipatlisiso mo mererong ya dikotla, mo katisong le mo go tlhameng dipholesi.

Vorster, yo gape e leng Moporesitente wa Mokgatlho wa Dikotla wa Aforika Borwa (Nutrition Society of South Africa -NSSA) le monnasetulo wa Kopano ba rile, Re tla tlhatlhoba gape kgatelopele ya rona ya go fitlhelela Maikaelelo a rona a Tlhabololo mo Ngwagaketeng o a go fokotsa lehuma le go sa babalesegang ga dijo.

Go re re tle re netefatse go phologa ga batho le ga polanete e ya lefatshe, Vorster o ne a umaka ka gore baradikotla ba tlhoka go lemoga gompieno gore go sutasuta ga sekai se se tlhamaletseng se se tlang, go dira gore go nne botlhokwa go tlhalosa saense ya dikotla.

Vorster a re: Re tlhoka ditheo tse di tla supetsang ditiro tsa rona tsela go tswa mo ponalong ya dijini go ya kwa maemong a seloago a a tla re isang kwa ntshong ya dijo tsa setso tse di amogelesegang ka mokgwa o o ka bapisegang le wa tshomarelo ya tikologo ya rona.

Dipampiri di ka nna 1500 tse di tla tlhagisiwang kwa Kopanong e, di setse di neetswe barulaganyi. Dikhutswafatso di ka nna 500 tse di amogetsweng di tswa mo kontinenteng ya Aforika.

Morero wa Kopano ke: Nutrition Safari for Innovative Solutions.

Kopano e rulagantswe ke ba South African International Union of Nutritional Sciences e e nang le NSSA, Khansele ya Dipatlisiso tsa Kalafi (Medical Research Council-MRC), Mokgatlho wa tsa Dijo mo Aforika Borwa (Association for Dietetics in South Africa -ADSA), South African Society of Parenteral and Enteral Nutrition (SASPEN), le ba Bokaedi jwa tsa Merero ya Dikotla ba Lefapha la Pholo.

Kopano e, e tshwarwa dingwaga dingwe le dingwe di le nne, mme e tla bo e le lwa ntlha e tshwarelwa mo Kontinenteng ya Aforika.

