World Intellectual Property Organisation (WIPO).






Ka nako ya loeto lwa gagwe kwa Khampase ya Potchefstroom, Prof Jose-Luis Herce-Vigil, go tswa kwa WIPO kwa Geneva, Switzerland, o kaile fa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e le lefelo le le siametseng seteiene sa go fenena sa mofuta o, ka ntlha ya bontsintsi jwa dipatente tsa yona tse di kwadisiwang ngwaga le ngwaga.

Fa e le gore kgato e e tla latelwa, Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tla nna lefelo le diyunibesithi tse dingwe tsa Aforika Borwa di tla bonang tshedimosetso ya tsona ka ga dipatente tse di leng teng.

Herce-Vigil o bona Yunibesithi ya Bokone-Bophirima jaaka nngwe ya diyunibesithi tse di eteletseng pele mo Aforika fa go lebilwe ditshwanelo tsa thoto ya botlhalefi le boitshomololedi.

Loeto lwa gagwe kwa Yunibesithing ya Bokone-Bophirima le tlile morago ga gore Lefapha la Merero ya Kgwebo le Intaseteri (Department of Trade and Industry - DTI) le kope ofisi ya Setheo sa Ditirelo tsa Molao (Institutional Law Services) gore le mo amogele jaaka sebuisegolo moo a neng a ka kgona go abelana le bona kitso le boitseanape jwa gagwe mo thulaganyong tsa dipatente le boitshimololedi.

Mohumagatsana Patricia van Stafel, tlhogo ya kgolagano ya tsa sethaba kwa DTI, o boletse ka nako ya loeto lwa gagwe  gore Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e tlhophilwe ka gonne ke yunibesithi e e leng sekao fa go lejwa merero ya tsa dipatente.

Herce-Vigil o ne a tshwarwa dipuisano ka mokgwa o e seng wa tlwaelo le babatlisisi, badira dipatente, baitseanape mo go tsa tetlokhopi le ba bangwe go tswa go ba ditshwanelo tsa thoto ya botlhalefi le boitshimololedi.

Prof Frikkie van Niekerk, Mokaedi wa Setheo sa Merero ya Badiri, Baithuti, Boitshimololedi le Dipatlisiso, o ne a bolelela Herce-Vigil ka ga hisetori ya Yunibesithi gammogo le photefolio ya yona ya ditshwanelo tsa botlhalefi.

Go ya ka Herce-Vigil batho ba tshwanelwa ke go tlhokomela gore ba se ka ba tlhama-sewa kumo mme bogolo ba dirise seteiene sa go fenena sa WIPO go bona tshedimosetso ka ga dipatente tse di setseng di le teng. O boletse gore botoka matsapa a ka dirisetswa go tokafatsa kumo e e setseng e le teng.

Mokgatlho o, o setse o na le dinaga tse di fetang 120 tse e leng ditokololo tsa ona.

Rre Frans Kruger wa Setheo sa Ditirelo tsa Molao o tlhalositse loeto lwa ga Herce-Vigil mo Yunibesithing ya Bokone-Bophirima jaaka tlotla e kgolo e e neetseng yunibesithi go bonagala go go utlwalang kwa DTI.

