TUTU O GWETLHA BAAGI BA LONDON GO TSWELETSA MOTLHOLO MME BA BEELETSE MO THUTONG YA MO AFORIKA BORW








Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) e mo tseleng sentle ya go tiisa bokgoni jwa dikolo mo mafelong a a tlamelang dikhampase tsa yona ka baithuti gore ba neelane ka dikgato tse di nonofileng tsa go ruta le go ithuta.

NWU e itemogetse tlhokego ya go tlhabololo ya porokeramo ya sekolo sotlhe , ka jalo e simolotse thulaganyo ya go diragatsa Porokeramo ya Kgolagano ya Tokafatso ya Boleng jwa Thuto (Education Quality Improvement Partnerships Programme - EQUIP )   go oketsa setlhopha sa baithutela dikerii le dipoloma ba ba ka nnang teng  bogolosegolo go tswa mo baaging ba ba neng ba tlhokomologilwe pele.

Go tshegetsa dithulaganyo tsa NWU MoArchbishop wa pele Desmond Tutu o gwetlhile setlhopha sa kemedi go tswa go borrakgwebo , puso le mmedia kwa London go tsweletsa motlholo wa go tlhabolola Aforika Borwa ka go abela mo thutong ya batho ba yona.

E rile fa a bua kwa moletlong wa dijo o o rulagantsweng ke NWU, mofenyi wa Kabelo ya Kagiso ya Nobele (Nobel Peace Prize ) o rile fa Aforika Borwa e kgonne go fenya Tlhaolele (Apartheid)  e bong sengwe se batho ba le bantsi ba neng ba dumela fa se ka se fenngwe  go raya gore naga e le " ditsala tsa yona tse di maatla " ba ka fenya ntwa kgatlhanong le lehuma.

Tutu e ne e le sebuisegolo kwa moletlong o o neng o ikaeletse go aga tirisanommogo ya   bodit  habat  haba go tshegetsa diporokeramo tsa maikarabelo a seloago tsa NWU. Mokimi  inara Mogolo wa Aforika Borwa kwa London e ne e le mong wa moletlo o kwa Ntlong ya Aforika Borwa   mo bekeng e e fetileng mme Kgangkgolo ya maitsiboa ao e ne e le ' Seabe sa Thuto mo Phokotsong ya Lehuma '.

Tutu o ne a supa Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e e sa tswang go tlhamiwa se  wa  e e leng tshwaragano ya dikhampase di le nne tse di kwa Potchefstroom , Mafikeng , Vanderbijlpark le Mankwe  e le  motlholo  ka botsona.

" Yunibesithi ya Potchefstroom e ne e le mokibo wa pelo ya bosemorafe jwa MaAfrikaner , mme yunibesithi e, e ne ya tshwanelwa ke go tshwaraganngwa le yunibesithi e nngwe e [ Mafikeng ], e e neng e simolotswe ke Tlhaolele ya thuto ya Batho Bantsho ba Dipusomagae ... nka se kgone go akanya go go farologaneng gabedi go feta mo.

 Fela boikgantshi jo ga bo farologane thata le jo e leng bonnete jwa Aforika Borwa ka boyona.

Gonne Aforika Borwa e nnile motshwantshiwa yo o ka se nneng teng mo kutlwanong ya semorafe , NWU e ka nna motshwantshiwa wa diyunibesithi tsa Aforika Borwa , e bontsha tshwaragano , kutlwano le go nna ya bomefutafuta .

Tutu o akgotse bokgoni jwa MaAfrikaner jwa kagose  wa mo teng ga Aforika Borwa o mont  hwa mme a ela tlhoko ntlha ya gore diyunibesithi tse tharo tsa pele tsa Afrikaans ga jaana ke tse tharo tsa tse di agilweng se  wa go gaisa mo ditheong tsa thuto e kgolwane.

Dr Theuns Eloff, motlatsa-mokanseleri wa NWU, o rile se e leng nnete mo Aforika ke nnete gape mo Aforika Borwa : thuto e kgolwane e ntse e ikgatholositswe mo dingwageng tse di fetileng.

Eloff o supile ntlha ya gore, mo Aforika , nngwe ya mathata a magolo a diyunibesithi di lebaganeng nao ke mofuta wa baithuti o di o amogelang go tswa mo dikolong . NWU e tshwaragane le bothata jo ka go kokoanya matlole a a kana ka 100 000 go tlhabolola dikolo di le lesome tse di neng di ikgatholositswe pele e le tse di direlang yunibesithi.

Go tlaleletsa mo go ruteng , ithuteng le dipatlisiso , NWU e bona tiragatso ya kitso e le lephata la yona la boraro la  tirokgolo . Diyunibesithi di ka se tlhole di kgona go ikgatholosa maikarabelo a tsona gore di utlwale mo baaging ba tsona ba selegae . NWU e tla  ijalela mekhutlolo ya yona  ka go tlhabolola bokgoni jwa dikolo tse di ntseng di ikgatholositswe mo porofenseng ka diporokeramo tsa yona tsa tlhabololo . Maikaelelo ke go kwadisa dikolo di le 50 mo porokeramong e ya tlhabololo ya bokgoni ya dingwaga di le tharo ka 2007.

Rre . John Battersby , tlhogo ya Khansele ya Papatso ya Bodit  habat  haba   mo Aforika Borwa , o sobokantse maitiso ka go re kgaogano ya bahumi le bahumanegi e e leng teng magareng ga dit  haba tse di tlhabolotsweng le tse di tlhabololwang e ka se ikgone . "Re tshwanelwa ke go dira gore dikolo di ikgone gore di tle di abele mo diyunibesithing tse di ka ikgonang , se e leng setlapele sa Aforika yo o tla ikgonang , yo mo go lateleng , e tla nnang setlapele sa lefatshe le le ikgonang."

Tutu o laleditse mongwe le mongwe go nna karolo ya go beeletsa mo thutong mo Aforika Borwa  ka madi le ka dilo tse dingwe fela.

