Katlego ya bodithabathaba ya baithuti ba YBB ba ba Dirang Ditshwantsho ka khomphiuta






Potchefstroom  Baithuti ba le barataro ba ngwaga wa bofelo ba ba Dirang Ditshwantsho ka Khomphiuta ba Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba boeleditse gape katlego e ba nnileng le yone dingwaga di le tharo tse di fetileng mo tiragalong ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Bodithabathaba wa go Dira Thulaganyo-Kgab ya ditshwantsho (International Society of Typographic Designers [ISTD]).


        
Rre Wessie van der Westhuizen































































































Gape, YBB e ne e le sone fela setheo mo Aforika Borwa go fitlhelela Maduo a Mantle (a a kwa godimo ga  70%) le Awate e e Kgethegileng (80% kgotsa go feta).


Ba ba neng ba falola bontle e ne e le Liani Herbst, Tilana Hoffman le Ilze Vermaak. Sophia Strydom le Jaco Burger ka bobedi ba ne ba amogela Maduo a a Kwa Godimo ga Diperesente di le Masomesupa mme Emarie Gouws ene o ne a newa Awate e e Kgethegileng.


Sekema sa tlhatlhobo sa ISTD se fitlhile mo ngwageng wa sone wa bo 31 mme se leka ka natla go rotloetsa baithuti gore ba fitlhelele modiro wa boleng jo bo kwa godimo wa thulaganyo-kgab ya ditshwantsho mo ditheong tsa mono gae. Baithuti ba newa ditaelo tse ba tshwanetseng go tlhopha mo go tsone tse di farologaneng tse di raraaneng tsa go tlhama ditshwantsho ka khomphiuta, mme fa ba ka falola morago ga tlhatlhobo ya tiro ya bone, ba lalediwa go nna maloko a mokgatlho ono jaaka badiri ba ditshwantsho ka khomphiuta ba ba tshwanelegang.


Go farologana le dikema tse dingwe, Go Tlhatlhobiwa ga Baithuti ga ISTD ga se kgaisano - fa tiro e falola morago ga go tlhatlhobiwa, moithuti wa yone o lejwa e le yo o dirileng phitlhelelo e kgolo mme o lalediwa go nna leloko la ISTD. Tlhatlhobo eno ke e e tseneletseng e bile e dirwa ka botlalo - ga go lejwe fela modiro wa bofelofelo wa ditshwantsho mme go lejwa dikgato tsotlhe tse di tserweng go tswa kwa tshimologong, gape go lejwa patlisiso, ditshwantshonyana tsa ntlha, go kopana ga setshwantsho sotlhe fa se ntse se dirwa le teko ya sone ya bofelo e se fetang mo go yone le go bontshiwa ga sone.

Ditaelo tsa porojeke di kwalwa jaana go tshegetsa thuto ya mokgwa o o siameng wa go dira ditshwantsho le go rotloetsa gore porojeke eno e ithutelwe mo setheong sa yone sa thuto. Moithuti mongwe le mongwe yo o tlisang tiro ya gagwe o amogela pego ya gagwe a le esi e e dirilweng ke batlhatlhobi.

Sekema seno se lejwa e le se se dirang tiro ka botlalo le se se tlhatlhobang baithuti ka tsela e e nang le matswela gongwe le gongwe fela e bile se dirisiwa jaaka se batlhatlheledi go dikologa lefatshe ba ka tsayang malebela mo go sone.

ISTD e e leng kwa London, e tlhoma ditekanyetso kgotsa melao ya seporofeenale ya go dirwa ga ditshwantsho ka khomphiuta mo ditheong tsa thuto, ka go dirisa dikokoano tsa go tshwara metlotlo ka tsone le go ithuta go di dira. Mokgatlho o batla go rotloetsa tirisanommogo fa gare ga thuto le intaseteri eno ka go gatisa le go rotloetsa boleng jo bo kwa godimo thata jwa go ithuta mmogo ga maloko a one a bodithabathaba.

Sekema seno se tshwarwa ngwaga le ngwaga e bile se tshwarelwa mo dinageng di le nne.

Rre Wessie van der Westhuizen (motlhatlheledi kwa Khamphaseng ya Potchefstroom) o ne a dirisa tlhatlhobo ya sekema sa ISTD jaaka porojeke ya baithuti ba ngwaga wa bofelo.



































































