Khamphase ya Potchefstroom e tlotla bagaka ba metshameko ba borre le bomme







Potchefstroom - Mabelo e ne a tlhagelela gantsi gape kwa moletlong wa diabo tsa bagaka ba metshameko ba bomme le borre ba Yunibesiti ya Bokone Bophirima, Khamphase ya Potchefstroom.

Dilalelo tsangwaga le ngwaga tsa metshameko di ne di jelwa kwa Banquet  Hall. Sebui sa letsatsi e ne le Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, Moporofesara Annete Combrink, yo o tla rolang tiro fa ngwaga ono o fela.

Diabo di le tharo tsa di le nne e ne e le tsa mabelo. Rramabelomogolo wa ngwaga ke Elroy Gelant yo o boneng metale wa bronze kwa World Student Games kwa Serbia mo lebelong la dimitara di le 5000.

Sunette Viljoen motshameki wa ngwaga  yo e neng gape e le motshameki wa ngwaga ka 2003 le 2004. Monongwaga o tokafaditse rekoto ya basadi ba Aforika ka Javelin ya dimitara di le  65,43 mme a iponela metale wa gauta kwa World Student Games in Serbia.

Ulrich Damon ke motshameki wa banna yo o mmotlana wa monongwaga. Monongwaga o ikgapetse dimetale tsa gauta tsa; SA Junior, USSA le Africa Junior. Sekgala sa gagwe sa 78,58 ke maiteko a bobedi a a gaisang  mo lefatsheng monongwaga.

Nadia Uys ke mosadi wa motshameki yo mmotlana wa ngwaga wa Khamphase ya Potchefstroom. Mo ngwageng ono, motshameki wa bolotloa wa maemo a kwa godimo o emetse setlhopha sa SA 6 Zone, Setlhopha sa Aforikaborwa sa dingwaga tse di ka fa tlase ga 20 mmogo le setlhopha sa Aforikaborwa sa ka fa tlase ga dingwaga di le 21 ( ke dithonamenteng di le pedi).

Monongwaga khamphase ya Potchefstroom e neelane ka maloko a setlhopha a le 21 go ditlhopha tsa USSA mme baithuti ba le sometharo ba Khamphase ya Potchefstroom ba emetse ditlhopha potlana tsa bosethaba le ditlhopha tsa B.

Baithuti ba le robedi go tswa kwa khamphaseng ya Potchefstroom ba amogetse temogo ya bosethaba: Loreen Irvine (hokhi), Chrisna Bootha (bolotloa), Sunette Viljoen (mabelo), Linda van den Biggelaar (duathlon), Kobie Ross (karate), Leon Els (thenese ya wheelchair ), Pierre Breitenbach (bowls) le SF Scheepers (bisley shooting).

Puksport e tlisa pharologano e tona mo porofenseng ya Bokone Bophirima .Go feta baithuti ba le 350 ba Khamphase ya Potchefstroom  ba ne ba emetse naga  dikarolong di le  robedi.






Basadi le banna ba metshameko ba 2009  ba na le Vice-Mokhanseliri, Dr Theuns Eloff mmogo le Moreketoro wa Khamphase, Prof Annette Combrink, Elroy Gelant, Sunette Viljoen, Ulrich Damon le Nadia Uys









