Moithuti wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o amogela Awate ya Aforika






Mafikeng  Ofentse Sebitlo e leng moithuti wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima kwa Khamphaseng ya Mafikeng, yo o mo ngwageng wa gagwe wa bobedi, o ne boeng jaana a tlotlomadiwa jaaka rrakgwebo yo mmotlana.


Ga jaanong jaana Sebitlo o ithutela Bachelor of Commerce mo go tsa Kabo ya Dikumo mo Lefapheng la Dipalangwa mme o ikgapetse awate kwa Diawateng tsa Africa 2009 tsa Dikgwebo-Potlana le Dikgwebo Tsa Bogolo jo bo mo Magareng kgotsa SMME ( Small Medium and Micro Enterprise).


Ke phitlhelelo e e seng kana ka sepe go bo a fitlheletse maemo a bobedi mo Aforika.  Sebitlo o ne a tshwaela jaana: Le fa ke ile ka kaiwa ke le wa maemo a bobedi jaaka mogwebi yo mmotlana mo Aforika, nka bua ka tshosologo gore ga go na sepe sa maemo a bobedi fa re tla mo bokgoning jwa rona jwa go gaisana le bagwebi ba maemo a a kwa godimo thata mo lefatsheng."


Sebitlo o ne a emetse naga ya rona jaaka mmenejara wa porojeke mme boikarabelo jwa gagwe e ne e le go tlhama moano wa  kgwebo wa MIDZ (Mafikeng Industrial Development Zone) o tiro ya one e neng e le go dira gore bokgoni jo Montsamaisa Bosigo e nang le jone jwa go tsenya letsogo mo go tlhabololeng Mafikeng bo bonale sentle.


Montsamaisa Bosigo ke khamphani ya ga Sebitlo e a ntseng a  e okametse dingwaga di le nne.  Khamphani eno e tlamela ka ditirelo tse di jaaka Go Tlhama Thulaganyo ya Kgwebo, Botsamaisi Jwa Diporojeke, Thulaganyo ya go Tlhama Dilo Sea, Botsamaisi Jwa Kgwebo le Jwa Dithelete, Tshekatsheko ya Kgonego ya go Bula Kgwebo, Thulaganyo ya Dipapatso, Dithendara, Thulaganyo ya go Ema Bagwebi ba ba Fatlhogang Nokeng mo Tirong ya Bone, Katiso ya Bakhuduthaaga, Dikopo Tsa go Tlamelwa ka Dithelete le Go Katisediwa go Dirisa Khomphiutara.


Ke batla go gakolola botlhe ba ba batlang go nna le dikgwebo gore o tla nna lesego fa o le pelokgale, ga o tlhoke go ipelaela le go inyatsa. O tlhoka fela go bona gore ke eng se o nang le bokgoni mo go sone le gore o na le talenta mo go eng mme o bo o godisa dilo tseo tse o nang le bokgoni mo go tsone go fitlha o kgona go itlhalosa jaaka yo o nang le bokgoni go ba feta botlhe mo dilong tseo tse o kgonang go di dira" o ne a oketsa jalo




Ofentse Sebitlo (letsogo la moja) ka nako ya moletlo ya go amogela  Awate



