Moithuti wa maloba wa Khamphase ya Potchefstroom o tsweletse pele mo kgwebo ya bodithabathaba






Ofisi ya Setheo - Yono ke De la Rey Venter, yo boeng jaana a neng a tlhomiwa go nna tlhogo ya lefatshe lotlhe ya setlamo sa Shell Group sa LNG (Liquefied Natural Gas).
O nna kwa The Hague kwa Netherlands. Maemo a gagwe a amana le go etelela pele kgwebo ya Shell ya gase ya tlhago e e fetotsweng go nna seedi.





De la Rey Venter






















































LNG ke sengwe sa ditlamo tse di golang tsa bodirelo jwa eneji, mme gape setlamo sa Shell ke bodirelo jo bo simolotseng kgwebo eno e bile bo e eteletse pele.


Ke tiro e e gwetlhang le e e kgatlhang thata ya diporojeke tsa dibilionebilione tsa diranta mo lefatsheng lotlhe, ya dipolotiki tsa lefatshe, dipolotiki ka ga eneji, ditherisano le ditheo tsa maemo a a kwa godimo le kgaisano e e seng kana ka sepe.

Ka thuso ya kgatelopele ya thekenoloji, re ka kgona go golaganya metswedi ya gase ya tlholego le mebaraka gongwe le gongwe mo lefatsheng gompieno, mme re tshwaragane le go dira kgatelopele e nngwe gape ya go epa gase ka tshireletsego le e e nang le matswela go tswa mo botennyeng jwa lewatle le go tswa kwa godimo ga Karolo yotlhe ya Bokone Jwa Lefatshe."

De la Rey o goletse kwa Lefelong la Seka-Sekaka la Kapa Bophirima pele a ithutela dikirii ya Bcom kwa Khamphaseng ya Potchefstroom. O ne a re go na le dilo tse motho a ka se kang a di lebala ka lefelo leno le batho ba lone.



Ke lefelo le le tletseng ka batho ba ba ikanyegang, ba ba nang le mekgwa e mentle, ba ba nang le tsholofelo ka isagwe le ba ba sa latlheleng seditse mo maitekong ape a ba a dirang  mme e bile gape ke batho ba ba nnang fela ba itumetse (ka dinako tsotlhe), le fa ba sa huma.


Kwa PU ya CHE ya pele, o ne a newa sebaka sa go ithutela bokgoni jwa go etelela pele. Khamphase ya Potchefstroom e ne ya nnaya dithono tse di mosola tota tsa go lekeletsa bokgoni jwa me le go bapala maitemogelo.



Ka ntlha ya moo, sengwe sa dilo tse De la Rey a neng a di dira e ne e le go nna leloko la lekgotla la Letsholo la Bosethaba la Kgwebo (National Business Initiative [NBI]) le go nna leloko la setlhopha sa botsamaisi sa Open World Initiative, e leng ditheo tse ka bobedi di emang nokeng tlhabololo ya mo lefatsheng lotlhe le botsamaisi jwa kgwebo e e nang le maikarabelo le tlhabololo ya loago. O ne a ithutela dikirii ya Bcom ya Onase kwa Yunibesiting ya Johannesburg ka 1997.

Ka 1998 o ne a ya Netherlands, koo a neng a fitlha a direla Billiton Marketing BV, sa ntlha jaaka mmenejara wa dikumo mme moragonyana jaaka mmenejara wa kanamiso ya dikumo. Ka 2001, o ne a tsaya boikhutso jwa lobaka lwa ngwaga go feleletsa MBA kwa IMD, e leng sengwe sa dikolo tsa kgwebo se se di gogang kwa pele mo lefatsheng kwa  Lausanne, Switzerland. Fa a ne a le kwa go sone, o ne a kopana le baeteledipele ba mo isagweng ba kgwebo go tswa kwa dikarolog tsotlhe tsa lefatshe. Ngwaga morago ga moo, o ne a simolola go direla Shell, e bile o ne a aga kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.


Seno ke go atlega ka selekanyo se se rileng fela, o ne a bua jalo fa a ne a tlhalosa gore o ikutlwa jang ka yone. Tsela e nna ke dirang dilo ka yone ga se go gagamalela katlego (kgotsa mekgele), mme ke go se fetole motho yo ke leng ene, go nna le kamano e e siameng le batho ba ba farologaneng, go nna le botsalano jo bo itumedisang le batho ba bangwe le go tlhagisa tiro e e  fitlhelelang ditekanyetso tse ke di beileng tsa boleng - mmogo le go dira ka natla jaaka pele le go kgotlhelela mo tirong.


Ke motho yo o ratang kgaisano, mme ke gaisana le nna a bonna! Ka gale, mo tirong ya kgwebo ya lefatshe lotlhe go botlhokwa go nna le kitso e ntsi ka mo go lekaneng le go tlhaloganya dipolotiki tsa lefatshe, ikonomi, hisitori le ditso tsa batho mo lefatsheng lotlhe. Ke dilo tse ke di ratang thata ka jalo go di itse ga go nthatafalele."




