Lekgotla le le Emelang Baithuti le le ne le tlile kokoanong ya go tlhabana botlhale







Ofisi ya Setheo  Maloko a Lekgotla le le Emelang Baithuti (SRC) a le Someamararo le borobedi  go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) a ne a tshwara kokoano ya go tlhabana botlhale boeng jaana kwa bonnong jwa Valley.

Go ya ka Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi wa Merero ya Baithuti le wa Metshameko; boikaelelo jwa kokoano eno e ne e le go dira gore baeteledipele ba baithuti go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo ba nne seoposengwe mme bangwe le bangwe ba tlhaloganye setso sa ba bangwe. Rre Tonny Manning o ne a eteletse kokoano eno pele.

Ngaka Theuns Eloff le Rre Theo Venter le bone ba ile ba neela dipuo ka ga dintlha dingwe tsa botlhokwa malebana le mokgwa wa Botsamaisi jwa YBB. Rre Ishmael Mkhabela o ne a neela puo ka Boemo jwa Dinokeng. Puo ya gagwe e ne e le ka ga Baithuti le Dikgwetlho Tse di Dikgolo tse Aforika Borwa e lebaneng le tsone:  Motlotlo ka Boemo jwa Dinokeng.

Kwa bokhutlong jwa kokoano eno, baithuti ba ile ba kopa gore kokoano e e tshwanang le eno e tshwarwe ka metlha.





SRC go tswa kwa dikhamphaseng tse tharo e ne a nna teng kwa kokoanong e e neng e tshwaretswe kwa bonnong jwa Valley lodge








