Setlhopha sa mmino se ya kgaisanong a bosethaba






Potchefstroom  Setlhopha sa mmino sa Khamphase ya Potchefstroom sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima se tlile go nna le seabe mo Moletlong wa Bosethaba wa go Opela wa Old Mutual ka Sedimonthole.

Setlhopha seno sa mmino se sa tswa go ntsha ga tshwene mme sa gaisa tse dingwe mo kgaisanong ya mo porofenseng. Ditlhopha di le robedi tsa mmino tsa mo porofenseng di ne tsa gaisanelana kwa porofenseng ya Bokone Bophirima.

Modulasetulo wa Setlhopha seno sa Mmino e leng Comfort Leshomo a re ono ke ngwaga wa borataro setlhopha seno se ntse se nna le seabe mo kgaisanong. Fa e sa le ka 2007, se ile sa gatelapele go tswa mo maemong a boraro mme sa ikgapela a ntlha.

Setlhopha seno sa mmino se ne sa gaisana mo setlhopheng sa ditlhopha tsa mmino tsa bogolo jo bo tlwaelegileng mme se ne sa tshwanelwa ke go opela pina ya Seesemane le ya Se-Aforika ka nako ya dikgaisano tsa mmino.
Setlhopha sa mmino sa Khamphase ya Mafikeng se ne sa fitlhelela maemo a boraro mo setlhopheng sa ditlhopha tsa mmino tse di dirilweng gore e nne tse dikgolo.
Setlhopha sa mmino se tla tsaya karolo mo kgaisanong ya bosethaba kwa Pretoria ka 11 le 12 Sedimonthole.




Setlhopha sa mmino fa se ne se gaisana ka nako ya moletlo wa mo porofenseng wa diteko tsa setlhopha sa mmino wa Old Mutual



