Khamphase e dula e ipaakanyetse kgaisano ya sethaba






Vanderbijlpark  Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ngwaga e e kgatlhegile go ka na le baikwadisi ba le 7 mo kgaisanong ya tlotlo ya Tekanyetso ya Nedbank le Old Mutual.





Go tswa mo molemeng go ya kwa mojeng;
Armand de Beer, Petrus Selahle, Julien van
Niekerk, Shari Coetzee, Mbuyu Lubile,
Wiehan Peyper le Henri Mans.




Go ya ka mor Andre Mellet, motlhatlheledi wa mo Sekolong sa Disaense tsa Ikonomi, Khamphase e bona katlego e kgolo mo kgaisanong e ya ngwaga le ngwaga mme ba na le tsholofelo ya gore khamphase e tla tlisa mampodi gape ka mo karolong e nngwe ya kgaisano.

Dilemo tse pedi pela ga jaanong moithuti wa mo Khamphaseng, moh Linda Dingiswayo, o kwadile hisetori sewa ka go nna mofenyi wa ntlha wa mosadi wa kgaisano ya baithuti ba morago ga didikerii.

Ngwaga e YBB e eme sentle ka palo ya batsayakarolo ba ba lesome ka mo go ba ba 40 mo kgaisanong mme se se dira gore re nne yunibesiti ya mampodi ka go tsaya karolo mo kgaisanong. Ka mo Khamphaseng mor Mellet le moh Diana Viljoen ka bobedi ba nnile morulaganyi le motlatsa-morulaganyi wa kgaisano.


