Batlhokomedi ba disa matlole a ditirelo tsa merafe go tlhabolosa badiri ba molao







Ofisi ya Setheo Terasete e e nthwa ya YBB ya Tlhabololo ya Loago e kopane sa ntlha ka letsatsi la  31 Phatwe 2009. Mor Lambert van der Nest, Tlhogo:Mokhudutamaga wa setlamo sa paakanyo ya tlholego le ya go aga, Frazer Alexander, ke ene yo o tlhophilweng go nna Modulasetulo wa Boto ya Batlhokomedi.

Batlhokomedi ba tshwanetse go tlhokomela matlole le diporojeke tsa merafe tsa Yunibesiti le baabedi ba bangwe ba matlole.

Yo mongwe wa Batlhokomedi, moh Reanna Rossouw wa kwa Next Generation Consultants, o kgatlhisitswe thata ke mokgwa wa YBB wa tlhabololo e e tswelelang. YBB ke setheo sa bobedi ka mo Aforika Borwa se se dirisang motlele e. E nngwe ke setheo sa Tshikululu Social Investments, mme yone ke e nngwe ya dithulaganyo tsa diagente tse di laolang madi le matlole a tsadiso a korporatifi a loago mo Aforika Borwa.

Moh Bibi Bouwman, Molaodi wa YBB: Tirisano le Merafe, a re ba tla itsisa gore melao le dithulaganyo tsotlhe di siame mme Terasete e eme sentle go ka lebelela dikopo tsa matlole.

Terasete ya Tlhabololo ya Loago le tla kopana gape ka kgwedi ya Ngwanatsele.









