FW de Klerk o tla bua ka mo PUK ka ga bokamoso go tlhabolosa badiri ba molao






Potchefstroom  Moporesitente wa pele le mokhanseliri wa pele wa PUK, Mor FW de Klerk, mo beke e e tlang o tla nna sebui sa borobedi ka dithuto tsa ga FW de Klerk tsa ngwaga le ngwaga ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB).


Mor De Klerk ka letsatsi la 12 Diphalane e tla fana ka thuto e e bidiwang n Toekomsperspektief op grondwetlike stabiliteit geprojekteer vanuit my vertolking van die relevante gebeure van die afgelope twintig jaar.(Tebelo ya bokamoso ya tshiamo ya mo molaotheong go ya ka nna go tswa mo maitemogelong a dilemo tse di 20 tse di fetileng)
Legoro la Molao ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB e simolotse dithuto tse ka ngwaga wa 2002 mo mor De Klerk a ne a simolola ka dithuto tse tsa ngwaga le ngwaga. Ka nako ya puo eo ya ntlha o ne a tlhagisa gore dipuo tse di tla nna tshimologo ya dikakanyo tse di bopang le dikakanyo tse di agelang pele mme di tlise le tsholofelo e e tla tswelang mosola sethaba le batho ba sone. 


Modini wa Legoro, moporof Francois Venter, a re dithuto tse ga di ngaparele phati epe ya dipolotiki tsa kgale le tsa jaanong jaana. Legoro le YBB-Puk e tlhometse dithuto tse go ka fa baitsegotlhe le baitseanape ba go tswa mo sethabeng sa Aforikaborwa tshono ya go ruta dithuto tse go ya ka maitemogelo le dikakanyo tsa bone.


Dithuto tse dingwe tsa pele di ne di rutiwa ke Moatlhodi Dikgang Moseneke, Moatlhodi Louis Harms, Moatlhodi Kate ORegan, Moatefokate Jan Henning, Moatefokate Paul Hoffman le Moatlhodi Deon van Zyl.
Thuto ya 12 Diphalane e tla tshwariwa ka 18:00 ka mo holong ya seka-lekgotlha ka mo kagokgolong ya kgale ya mo khamphaseng.




Go ka botsa o ka itshwaragantsa le moh Doepie de Jongh kwa 018 299 1948 kampo o ka romela eposo kwa go doepie.dejongh@nwu.ac.za (Link: mailto:doepie.dejongh@nwu.ac.za)



