Kabelo ya madi e amogetswe go tlhabolosa badiri ba molao






Ofisi ya Setheo  Setlhamo sa Molao sa DM Kisch le sa DALRO (Dramatic, Artistic and Literature Rights Organisation ke gone ba abetseng Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) palo e kgolo ya madi gore ba kgone go laola, go tshegetsa le go aga ditshwanelo tsa thuo ya kitso.

 Mor Marius le Roux, moitseanape wa dipatente wa kwa DM Kisch le Mor Grard Robinson, Mokaedi wa Mokhuduthamaga le Taolo wa DALRO, ba file Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokhanseliri wa YBB, kabelo ya bone ya ngwaga le ngwaga ka nako ya mokete wa go itisa fela kwa Gauteng.

Madi a tla dirisiwa ke badiri ba Ofisi ya Molao ka mo Ofising ya Setheo ya YBB go ka ya kwa diseminareng le kwa dikhonferenseng tsa setlhogo sa Thuo ya Kitso le go ka ya go etela baitseanape ba kwa ditheong tse dingwe le balekane ba bone ka mo karolong e e poraefete gore ba kgone go fana ka kitso le tirisanommogo ka ga setlhogo se.
Ngk Eloff ka nako ya kopane e, o ile a leboga ditlhamo tse pedi tse ka thuso ya borutegi le kemo nokeng e ba tswelelang go e fa Yunibesiti. Ene o rile gore o lebogela tirisanommogo le botsalano magareng a bone le Yunibesiti e e agilweng mo dilemong tse di fetileng le e e tswelelang go agiwa.





Borre At van Rooy, Kevin Dam le Marius le Roux ba kwa DM Kisch le Mor Grard Robinson, Mokaedi Mokhuduthamaga: DALRO o na le Ngk Theuns Eloff, Motlatsamokhanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB), mor Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Tirelo ya tsa Semolao le Mpho Modupe wa Ofisi ya Bokaedi jwa Dipuo.

