MOKETE WA GO JA SELEMO SA 140 O GAUFI






Potchefstroom  Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) e ipaakanyetsa go ka ja mokete o mogolo wa ngwaga ya go nna teng ya 140.  Go ka diriwa jalo ka go tlisa le palo ya dilo tse dinthwa ka mo khamphaseng.

Mokete wa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB wa ngwaga ya 140 e tla ya kwa godimo ka maemo ka Labotlhano wa 16 Diphalane ka nako ya go bula lefikantswe la ga Totius ka mo Khamphaseng. Mabota a a nang le maina a baithuti ba baeteledipele ba kgale a tla bulwa le one gaufi le lefikantswe la baithuti ba kgale le ba le bitsang wasgoedpennetjie. Maina a baeteledipele ba go tloga ka 1894 a tla kwadiwa ka mo maboteng a.

Le ka lone letsatsi leo go tla amogelwa baithuti ba ba ikwadisitseng ka 1959 ka mo Yunibesiting ya pele ya Potchefstroomse Universiteit vir Christelike Hor Onderwys (PU vir CHO). Reyuniene ya dingwaga di le 50 ke karolo ya mekete ya dingwaga di le 140 tsa mo Khamphaseng ya mo Potchefstroom. Ofisi ya Alumni e ka rata go bona palo e kgolo jaaka go ka kgonagala ya baithuti ba kwa reyunieneng.

Legoro la Thuto le POK ya pele ka mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya YBB le lone le na le dilemo di le 90 ngwaga e mme le bone ba tshwara reyuniene ya baithuti ba kgale. Le baithuti ba kgale ba kwa POK le bone ba tsentswe le bone mo dithulaganyong tse. Nako ya reyuniene e beilwe go nna ka 17 Diphalane. Baithuti ba kgale go tloga ka 1919 ba mo kholetheng le mo Legorong la mo Potchefstroom ba tshwanetse go itsisa fa ba ka rata go tla kopanong.

Ikopantse ka nako ka pele jaaka go kgonagala le ofisi ya Alumni fa o ka rata go tsena dikopano tse di mo godimo.  Mogala: (018) 299-2562 kampo romela eposo kwa go vincent.eastes@nwu.ac.za (Link: mailto:vincent.eastes@nwu.ac.za)

