Moakatemi o tlhophilwe go nna tokololo ya Komiti ya Phetiso ya NRF






Vanderbijlpark  Tlotlo e kgolo le boitlhaolo jo bogolo bo wetse moakatemi le mmatlisisi wa mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima(YBB), moporof Bertus van Rooy, ka e le gone maloba a tlhophiwa ke NRF(National Research Foundation) go nna tokololo ya Komiti ya Phetiso ya Baatlhodi.

Komiti ya Phetiso ya Baatlhodi
Go ya ka Moporof Van Rooy KPB e na le boikarabelo jwa go kwadisa babatlisisi kwa NRF. Mo komiting nna ke emela diphanele tsa kwadiso di le palo e e ka nnang lesome ka mo komiting ya phetiso ka mo disaenseng tsa botho, ga tlhalosa Moporof Van Rooy.
O oketsa gape gore tiro e kgolo ya komiti ke go tswelela go lebelela popo le thulaganyo ya dikarolo tsa kwadiso le kamogelo ya kwadiso.  Gape tiro ya komiti ke go atlhola dikwadiso tsa A le tsa P tse di filweng ke diphanele, le go lebelela mabaka mo diphanele di sa utlwanang ka kwadiso e e rileng.
Moporof Van Rooy gape mokopantshi wa phanele ya Ditlhangwa, Dipuo le Thutapuo mo ene le badirammogo ba bararo ba gagwe ba tshwanetseng go thapa baatlhodi ba dikopo tse di amogelwang tsa go kwadisiwa.  Morago ba tshwanetse go amogela dikatlholo le direpoto tsa baatlhodi mme ba bone gore mokopi o amogela kwadiso ya NRF efe. Kwadiso e e diriwa gammogo ka bogakolodi jwa baatlhodi ba babedi ba ipusang.  Wa ntlha ke moatlhodi go tswa mo serutweng se sengwe ka maitemogelo ditiro tsa NRF gammogo le modulasetulo yo a leng motlhankedimogolo wa NRF.
Ke na le tebogo e kgolo go na le tshono ya go na le boikarabelo jo bogolo go thusa le go tsaya karolo go ka ithuta ka ga patlisiso mo sethabeng le go e tswedisa. Nako e nngwe ke dula ke atlhame fela fa ke akanya ka ga tshono e NRF e e mphang yone. Tlotlo e e mpontsha gore mo nakong e e fetileng ke ne ka atlhola babatlisisi ba bangwe ka kelotlhoko le ka tshiamo le ka tekatekano, ga akanya Moporof Van Rooy.

Moporofesara wa Patlisiso
Ka a le Moporofesara wa Patlisiso wa ka mo Sekolong sa Dipuo, Moporof Van Rooy, ga a tseye karolo fela mo patlisisong mme o na le boikarabelo gape go ema nokeng baakatemi le badirammogo ba bangwe ka patlisiso ya bone. Go dira tiro e ya kemo nokeng ke go nna mogakolodi le mothusi wa badirammogo le go ba thusa go lemoga ditshono tsa go ka dira patlisiso.

Tikologo ya dikgatlhego
Ka Moporof Van Rooy a le moitsethutapuo, o rata thata go batlisisa mokgwa o batho ba dirisang puo ka one. Dingwaga tse di robedi tse di fetileng ke ile ka lebelela thata mokgwa o batho ba e leng babui ba Seesimane ba puo ya bobedi, ba se dirisang ka teng ka mo Aforika Borwa, ga tlhalosa Moporof Van Rooy.  Maikaelelo a ne a le go lemoga gore go na le dithulaganyo tse di leng teng tse di leng teng mo tirisong e ya puo le gore di ka tlhaloswa jang. Jaanong jaana o mo tirong e kgolo ya go kwala buka ka ga maitemogelo a gagwe ka ga lebaka le mme o na le tsholofelo ya go ka e fetsa mo gare ga ngwaga e e tlang. Ka dilemo tse pedi tse di fetileng tsepamo ya gagwe e ile ya fetela ka mo mabakeng a mangwe a tiori go feta.  O batlisisa thata go lebelela gore ke tshedimosetso efe e e beiwang ka mo tlhogong, e e go thusang go ka bua le go tlhaloganya puo. Potso e a e botsang thata ke gore kitso ya rona ya puo e ntse jang  a ke melao ka kitso e e ithutilweng kampo ke mabaka a mantsi a a ithutilweng a a tswang ka mo maitemogelong a rona a go dirisa dikao tse re kileng ra di dirisa?

Patlisiso ke phisego e kgolo
Go bonagala ka pele gore patlisiso ke phisego e kgolo ka mo go Moporof Van Rooy mme a re a sa le a lemoga thato ya gagwe ya go dira patlisiso ka mo dithutong le boiphedisong tsa gagwe tsa pele ga dikerii. Ke dilemo tse di lesomesupa a le mo patlisisong jaanong mme e santse e mo kgatlhisa thata. Ga ke ise ke emise go dira patlisiso e bile ga ke batle go emisa go e dira, ga tshega Moporof Van Rooy.

O tlhalosa gore mo go ene go monate thata go tlhaloganya gore puo dirisiwa jang le gore ga a kgone go ikhutsa fa a se a bone tharabololo ya dipotso tse di seng di arabiwe..  Mosadi wa ga Moporof Van Rooy, Susan, o rata patlisiso jaaka monna wa gagwe.  Se se dira gore ba dirisane mmogo thata mme ba tlotle monate ka ga patlisiso ka e ba kgatlhisa ka bobedi mme se se dira gore ba nne nngwe ka mowa le ka tiro.



Moporof Bertus van Rooy le mosadi wa gagwe, Moporof Susan Coetzee-van Rooy.


