Baithuti ba Ma-Dutch ba etela Khamphase ya Khutlo-Tharo ya Lekwa






Vanderbijlpark  Khamphase ya Khutlo-Tharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne boeng jaana ya amogela baithuti ba le babedi ba ba tswang kwa Free University of Amsterdam (VU).

Susan Kraakman le Evita van der Tol ga jaanong jaana ba feleletsa di dikirii tsa bone tsa masetase mo dithutong tsa Boithuta-Loago/Saense ya Loago, mme, gore ba tswelele pele ba ithuta dithuto tseno, ba ne ba dirisa dibeke tsa bofelo tse tlhano ba dira patlisiso ka go dirisana mmogo le setlhopha sa batho se se dirisediwang go dira patlisiso sa Disaese tsa Sepolotiki.

Loeto lono lwa baithuti ba babedi ba morago ga lokwalo lwa boalogane lo ne lwa felela ka tumalano e e leng teng gone jaanong ya tirisano mmogo fa gare ga YBB le VU  e e tswelelang pele go atologa gone jaanong. Patlisiso (ya moithuti yo mongwe) ke ya setlhogo se se malebana le go dira gore basadi ba ikemele ka nosi jaaka karolo ya go kopanngwa ga YBB mme ya yo mongwe ke ya setlhogo ka diphelelo tsa go kopanngwa ga badiri botlhe ba dikhamphase tse di farologaneng.

Ka ntlha ya moo, ba ile ba tshwara dipotsolotso di le mmalwa tse di tseneletseng le badiri ba le mmalwa ba ba farologaneng ba barutegi le badiri ba baema-nokeng.
 Nako eno ya patlisiso gape e ile ya akaretsa go dirwa ga maeto a patlisiso a go ya kwa Dikhamphaseng tsa Potchefstroom le Mafeking.



Ngaka Herman van der Elst (fa gare) a na le Susan Kraakman le Evita van der Tol.



