Sefikantswe sa ga Totius se fudugela mo Khamphaseng ya Potch






Potchefstroom  Sefikantswe sa ga Totius, se se ntseng se le mo tshingwaneng ya segopodiso ya Totius kwa Wasgoedspruit fa e sa le ka 1977, se tla tsosolosiwa phatsimo ya sone ya kopore se bo se fudusediwa mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti a Bokone-Bophirima (YBB).

 Seno se ne sa dirwa morago ga gore Lekgotlatoropo la Tlokwe le ntshe kamogelo ya bofelo ya semmuso ya gore sefikantswe sa mokwadi le ramaboko yono yo o itsegeng thata se newe lefelo la go mo tlotla mo khamphaseng. Go fudusediwa mono ga sone ke lengwe le matsholo a khamphaseng e a dirang a go tlotla bakwadi le baboki ba bagolo ba Bokone-Bophirima ka tsela e e kgethegileng.

Metlotlo ka letsholo la tshingwana ya mokwadi yono mo khamphaseng e ne ya simolola dingwaga di le pedi tse di fetileng mme bakwadi ba bangwe ba ba itsegeng thata ba akaretsa Sol Plaatje le Herman Charles Bosman.

Sefikantswe sa ga Totius se dirilwe e le sa mmala wa kopore mme gone jaanong se pentilwe bosetlha. Mo godimo ga moo, batho ba ba ratang go senya dilo mo mebileng ba sentse digalase tsa gagwe, mme di tlile go baakanngwa. Jo Roos, e leng mmetli wa difikantswe yo o dirileng sefikantswe sa ga Totius, ke ene a tlileng go se baakanya.
Lefelo le Totius a tlileng go bewa mo go lone mo khamphaseng ke bolebagana le Kago-Kgolo e e itsegeng thata le gaufi fela le Holo ya segopotso ya Totius.

Porofesa Annette Combrink, e leng moreketoro wa khamphase e bile e le motho yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo ya go dirwa ga porojeke eno, a re aterese e ntha ya mmoki yo o tlotlomadiwang yono, moranodi wa Baebele le mokgaoganyi wa Dipesalema ka ditemana e tla bo e le ya lefelo le tota a tshwanetseng go bo a le mo go lone e bile a re ga go na pelaelo gore go thujwa ga sone go tla tla bokhutlong jwa gone.




