SIFE ya YBB mo maemong a ditlhopha tsa ntlha tse 5






Potchefstroom  Boeng jaana, Setlhopha sa Baithuti (Students in Free Enterprise [SIFE]) sa Yunibesiti ya Bokone Bophirima (YBB) se ne sa ikgapela maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa lloko le maemo a botlhano ka kakaretso mo kgaisanong ya borobedi ya ngwaga le ngwaga ya Kgaisano ya Bosethaba ya Aforika Borwa ya SIFE e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesiting ya Johannesburg (UJ).

Fa SIFE ya YBB e ne e gaisana le ditlhopha di le 26 tsa yunibesiti, e ne ya ikgapela maemo a ntlha mo llokong ya:
 Bokgoni jwa go atlega
 Puisokwalo mo go tsa dithelete
 Maitsholo a a Amogelesegang a Kgwebo
 Motsamaisi wa Ngwaga, (Porofesa Japie Kroon)

Porofesa Kroon, Christopher May le Kobus Cronje ba ne ba nna teng kwa kgaisanong ya bosethaba ka maikaelelo a go kopanya baithuti ba YBB go tswa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo, baithuti ba le robedi le magoro a le mararo a bogakolodi. Setlhopha sa YBB sa SIFE se ne sa amogela moano wa YBB  Mokgwa o moa wa go dira dilo ka dipharologano  jaaka moano wa bone ka bobone mme ba ne ba tlhoma mogopolo wa bone mo go direng gore bone le baagi ba ba leng mo tikologong ya bone ba dire kgatelopele ka go kopanya ditsompelo mmogo le dikgono tse ba nang le tsone le go beela kwa thoko dikgotlhanong tse ba sa bolong go nna le tsone.

SIFE ya YBB e ne ya nna le seabe mo kgaisanong eno lekgetlho la ntlha ka 2008 mme ya ikgapela maemo a botlhano ya bo ya tokafatsa diporojeke tsa yone le dipontshotiro tsa tsone monongwaga.  Tokafalo eno ga e a ka ya ilthokomolosiwa mme setlhopha se ne sa amogela ditshwaelo tse di kgothatsang tota tsa tiro ya bone go tswa go batho ba naga ya ga bone ba SIFE le go tswa go bakhuduthamaga ba le mmalwa ba ba neng ba le teng mo tiragalong eno.

Seno e nnile maitemogelo a a seng kana ka sepe tota a a rutang a setlhopha se se potlana seno se nnileng le one se se dirang kgatelopele e e seng kana ka sepe e e bontshang gore e le ruri ba tshelela moano wa SIFE: go ntsha ga tshwene mo kgwebong.


Kgaisano ya bosethaba ya SIFE ke tiragalo e e gwetlhang, e e dirwang ke setlhopha, e e rwesang ditlhopha tse di nnang le seabe mo go yone maikarabelo mmogo le go di rotloetsa gore di tswelele pele go tokafatsa boleng jwa diporojeke tsa bone. Gape, kgaisano eno e ba naya thono ya go dirisana mmogo le go thusana ka mekgwa e e e gaisang yotlhe ya go dira tiro, e bile e tswelela pele go tokafatsa boleng jwa thuto e ba e bapalang  le go atlega ka kakaretso ga lenaneo lotlhe.

Naga nngwe le nngwe e e nang le lenaneo la SIFE e tshwanelegela go rulaganyetsa ditlhopha tsa yone mo nageng ya tsone kgaisano ya bosethaba. Dinaga tse di nang le mananeo a magolwane gantsi tsone di tla dira gore go tshwarwe motseletsele wa dikgaisano tsa dikgaolo, mme bafenyi mo dikgaisanong tseo ba tla tlhophelwa go ya dikgaisanong tsa bosethaba. Setlhopha sengwe le sengwe se se gapileng kgaisano ya bommampodi ya bosethaba sone se tla tsenela kgaisano ya Sejana sa Lefatshe sa SIFE.



Ngaka Edward Sedibe, Mokaedi wa: Merero ya baithuti le Metshameko, Mohumagadi Maria Mopelong, Mmenejara wa: Kgatelopele ya Setheo le Kgwebo, Rre Victor Motobi, Mokaedi-Khuduthamaga wa: Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong le Porofesa Japie Kroon, e leng Moeteledipele wa Lenaneo le Porofesa wa tsa Kgwebo wa Sekolo sa Botsamaisi jwa Kgwebo, a na le baithuti ba SIFE - Charl Muller, Palesa Letlape, Maribe Mamabolo, Wernich Hein, Christy Wolhuter, Rafael Khoza, Dennise Kordom, le Edwin Molaletsi.

