Motlatsa-Moreketoro wa ntlha wa montsho wa Sekolo sa Thutabomodimo






Potcefstroom  Sekolo sa Thutabomodimo se tlhomile Porofesa Rantao Letosa go nna motlatsa-moreketoro wa sone wa montsho. Mo kokoanong ya boeng jaana ya baeteledipele ba Sekolo sa Thutabomodimo, porofesa Letosa o ne a tlhomelwa tiro eno dingwaga di le tharo tse di tlang.  Porofesa Letosa, yo e leng motlhatlheledi mo setlhopheng sa dirutwa tsa Ditiro Tsa Bodumedi Tsa mo Setheong, jaanong gape ke leloko la komiti-khuduthamaga ya Legoro la Thutabomodimo kwa Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.

Porofesa Jorrie Jordaan, yo e neng e le motlatsa-moreketoro, o tlhomilwe go nna moreketoro wa Sekolo sa Thutabomodimo mo go lone lobaka lono lwa nako. Lobaka lwa nako lwa ga Porofesa Ben de Klerk lwa go nna morekotoro lo a fela mo bokhutlong jwa ngwaga ono.  Porofesa Letosa o ne a lalediwa go tla mo Sekolong sa Thutabomodimo ka 2006 gore a tle go nna porofesa wa Thutabomodimo kwa go sone. O belegetswe kwa Fauresmith kwa Foreisetata mme a ithuta kwa Yunibesiting ya pele ya  Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete (PU ya CHE).

Fa a sena go katisediwa Thutabomodimo, o ne a falola dikirii ya gagwe ya masetase ya cum laude ka Segerika mme a fitlhelela dikirii ya gagwe ya Bongaka ya Dithuto tsa Dingwao Tsa Bokeresete ka 2005. Porofesa Letosa e ne e le moruti wa Reformed Church mo diphuthegong tsa yone go ralala Potchefstroom kwa Boskop, Tlokwe-Botshabela le Kokosi go simolola ka 2000 go fitlha ka 2005.

O ne a etela dinaga di le dintsi tsa bodithabathaba le tsa mono gae mme segolobogolo ke moithuti wa dithuto tsa dingwao tsa bokeresete tsa Se-Aforika. Mo godimo ga moo, gape o na le kgolagano e e kgethegileng le Mokgatlho wa Baebele wa Aforika Borwa. Mo e ka nnang lobaka lwa ngwaga o o fetileng, o ne a tlhophiwa go nna leloko la bosethaba la Khansele ya khuduthamaga ya Mokgatlho ono mme o ntse a le mokaedi wa Mokgatlho wa Baebele go tloga fela kwa tshimologong ya ngwaga ono.  Mo go yone kokoano eo, o ne gape a tlhophiwa go nna motlatsa-modulasetulo. O nyetse Sylvia mme ba segofaditswe ka morwa a le mongwe.




Porofesa Rantoa Letosa, yo e leng motlatsa-moreketoro yo moa wa Sekolo sa Thutabomodimo sa Reformed Churches ya Potchefstroom.

