Moithuti o amogela diaparo tsa Protea tsa motshameko wa dibolo tse di gagabisiwang kampo bowls ka Seesimane






Potchefstroom  Palo ya baithuti ba mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ba fetsa go bona tlotlo ka mo mebaleng ya metshameko mme thata ke ba metshameko e mebedi ya bowls le ringball.  Bowls ke fa o gagabisa dibolo tse di kgolo tse dintsho go bona gore ke mang yo o atamaleng bolonyana e tshweu thata go feta.  Ringball ke motshameko o o batlang go tshwana le netbolo.

Pierre Breitenbach, moithuti wa ngwaga ya bofelo, o tlhophile go nna karolo ya setlhopha sa Aforika Borwa se se tla tshamekelang setlhopha sa Protea ka kgwedi ya Phatwe kwa motshamekong wa Mafatshe a Aforika kwa Swaziland. Ene ke monna wa ntlha wa porofense wa bona diaparo tsa Protea mme ene ke moswa yo monnye go feta botlhe mo hisetoring ya motshameko mo Aforika Borwa go ka apara baki ya Protea.

Mampodi yo o simolotse go gagabisa dibolo a sa le monnye ka a ne a golela mo thoko ga lebala ka lebaka. Rraagwe, Piet ke moporesitente wa Rolbal SA mme mmaagwe, Corrie, le ene o setse a amogetse diaparo tsa Protea.
Pierre o sa le a tloga go tshameka dikgaisano tsa nnete go tloga ka 2004 mme metshameko ya liki o e simolotse ka 1998. Jaanong jaana ene ke motshameki wa kelapa ya Potch Dorp-rolbalklub mme ka kgwedi ya Ngwanatsele o tla tshamekela setlhopha sa sethaba se se tla yang go lwantsha sa kwa Namibia.

Moithuti yo mongwe yo e leng naledi le ene ke Eduan Naude yo ka nako ya boikhutso a neng a tshameka dikgaisano tsa sethaba tsa ringbolo tsa ba ba kwa tlase ga dilemo di le o/23. Ba bangwe ba kelapa ya ringbolo(korfball ya pele) ba tlhophilwe gape go emela ditlhopha tse go tlhophiwang batshameki ba sethaba.

 Batshameki ba le supa ba ringbolo ba ba tlhophilweng go emela ditlhopha tsa sethaba ke, Eduan Naude (banna o/23 Aksie Ringbal Suid-Afrika) le wa kwa basading ba o/23 Aksie Ringbal Suid-Afrika go eme sentle Nadine Heyneke, Elanie Basson, Hanliette Basson, Charlene Scullard, Hanri Kruger le Jeannelle Kinnear. Scullard, ene, ka nako ya dikopano tsa boikhutso o tlhophilwe go nna Motshameki wa Thonamente.

-  Setlhopha sa rakabi sa NWU-Puk ka Lamatlhatso ka nako ya 16h00 ba tla tshameka le setlhopha sa Impala kwa lebaleng la Fanie du Toit go ka bona gore ke setlhopha sefe se se tla emelang Luiperds mo kgaisanong ya dikelapa tsa sethaba ka Lwetse kwa Tshwane.


Pierre Breitenbach



