Motlatsa-Mokanseliri wa YBB o etelela pele mono gae le kwa dinageng di sele






Ngaka Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseliri wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), o ne a tlhophiwa kwantle ga kganetso epe gore a nne modulasetulo wa Mokgatlho wa Diyunibesiti Tsa Kgwereanodithaba (ACU ka Seesemane) ka Phukwi 2009, morago ga go fetsa dingwaga di le pedi tse di fetileng a le Motlatsa-Mokanseliri wa mokgatlho oo.



Go na le mekgatlho e ka nna makgolo a le tlhano e e leng maloko a ACU mme seno se nnaya thono ya gore ke rotloetse tirisanommogo e e molemo fa gare ga yone le go e boloka e le teng gore YBB e tle e gatele pele. Gape go dira gore ke kgone go tlisa dikgolagano tse di mosola tse dintha fa gare ga yone, o ne a tlhalosa jalo.

O ne a tlhalosa gape gore YBB e mo maemong a a tshwanang le a mekgatlho e mengwe e e leng maloko a ACU fa e bapisiwa le yone mme mokgele wa rona wa go batla go nna yunibesiti ya go ruta le go ithuta mmogo le go dira patlisiso o dira gore re farologane le yone, ka gonne bontsi jwa diyunibesiti tse dingwe tsone di tlhoma mogopolo fela mo go e le nngwe fela ya ditiro tseno.

Go tlhophelwa ga ga Motlatsa-Mokanseliri maemo a maa ano ga go boloke fela tsela e re lejwang ka yone mono gae le kwa dinageng di sele, mme gape go re bulela dithono tse dikgolo tsa go tsweletsa thulaganyo ya gore YBB e tswelele e le mo maemong ano a yone a a molemo.

