Our Vice-Chancellor new Chairperson of Aardklop








Dr. Theuns Eloff, Motlatsa-Mokanseleri wa Yunibesithi ya Bokene -Bophirima (NWU) o tlhophilwe go nna Monnasetulo yo monthwa wa Lekgotla la Bakaedi la Aardklop Arts Festival.

Go ya ka Eloff se ke thono e bile e supa fa NWU  bogolosegolo  Khampase ya Potchefstroom  e tsaya seAfrikanse gammogo le bomefutafuta jo bo leng teng jwa dipuo tsia.

O solofela gore Aardklop, ka fa tlase ga kaelo ya gagwe, e tla nna

Maleba le seabe le setaele sa gagwe sa botsamaisi a re: "Go dira re le setlhopha le botsamaisi jo bo nonofileng ke tlhobaboroko mo go nna.  Ka jalo ke rata go neelana ka boeteledipele jo bo maatla gore ke tle ke kgone go tlhatlosa letlhakore la botsamaisi jwa moletlo go ya kwa legatong le le kwa godimo go feta.  Ke lebeletse gape go agelela mo godimo ga motheo o o tlhomameng  o o theilweng ke yo o tlileng fa pele ga me  - ka Lekgotla la Bakaedi le setlhopha sa botsamaisi.

Eloff o latela Dr Frederik van Zyl Slabbert yo paka ya gagwe jaaka Monnasetulo e fedileng. Le fa go ntse jalo, van Zyl Slabbert o tla dira jaaka mokaedi mo Lekgotleng la Bakaedi la Aardklop.

Lekgotla le na le baithaopi go tswa kwa mefameng e e farologaneng ya baitseanape mo morafeng wa puo ya seAfrikanse o tlhabololo ya botsweretshi e leng ntlha e e botlhokwa mo go ona, mme ba dira jalo ntle le go boelwa ke sepe.  Ponelopele ke go babalela Aardklop jaaka nngwe ya ditiragalo tsa botsweretshi tse di kwa pele le tse di tsweletseng pele mme e bile ba itlama go tswelela ka tiro e ntle e ba ntseng ba e dira gore ba e atolose.

Mo khalendareng ya rona ya tikologo, matlha a Aardklop a monongwaga ke go tloga ka 27 Lwetse go ya go 1 Diphalane.

