Baithuti ba maloba ba Puk ba ntshitse ga tshwene ka fa morago ga dikhemera






Potchefstroom - "Go na le sengwe ka tiro ya go kaela se se dirang gore e ntsamaele sentle - e tsamaya sentle fela ka thelelo mme ke e itumelela tota.' Ano ke mafoko a ga Sanet Olivier, moithuti wa maloba wa Puk yo gone jaanong e leng mokaedi wa Difilimi tsa Homebrew e e dirileng lenaneo le le ntha la thelebiene, la Shoreline, la SABC2.
 Sanet a re ga a ke a kgwa mowa, ka gonne mo godimo ga go nna mokaedi wa Shoreline, gape o tshwara lenaneo la gagwe la go apaya, ROER!, la kykNET mme gape ba simolotse go filima lenaneo la Jou show met Emo, e leng mananeo a e  tlileng go nna mananeo a dibeke tse tharo a kykNET mo SABC 2.

Sanet a re o ne a ithutela khoso ya go tsaya ditshwantsho kwa Stellenbosch fa  a sena go fetsa materiki. Fa a ntse a e ithuta, mongwe o ne a mo itsise ka tiro ya go nna mokaedi wa tiro ya go dira bidio lekgetlho la ntlha mme a iphitlhela a rata tiro eo fela thata. O ne a utlwa gore Porofesa Attie Gerber kwa Dithutong Tsa Tlhaeletsano kwa Puk o katisa baithuti ba gagwe ba ntse ba le mo tirong le gore fa mongwe wa bone a tsamaya, ga a amogele fela dikirii mme gape o tswa a na le bokgoni jwa go tlhama lenaneo.  Seno ke sone se se neng sa ntlhatswa pelo mme ga ke ikwatlhaele seo le e seng.

Mo ngwageng o a boneng Onase ka one, o ne a nna le maitemogelo mo tirong ya Difilimi Tsa Homebrew kwa Cape Town mme a nna mothusa-mokaedi wa lenaneo la Pampoen tot Perlemoen. Ke ne ke dira tee ke sa fetse, ke tabogakaka le go tlhatswa dijana. Ke sa ntse ke di dira dilo tseno  mme se se farologanang mo go seno sotlhe ke gore ke dira tiro eno jaaka mokaedi wa ROER!

 Sanet a re ga go na sepe se se kgotsofatsang jaaka go bona selo se o feditseng dikgwedi di le dintsi o se dira se kopana sentle mmogo letsatsi le letsatsi mo phaposing ya bokaedi. Eno ga se tiro e e motlhofo mme lenaneo le re kgonneng go le tlhagisa kwa bofelong ke lone le le bontshang bokgoni jwa rona, mme ke akanya gore ke yone tsela e re batlang go tswelela pele ka yone. E dira gore re dire tiro ya rona kwantle ga go iteega tsebe le go nna re tlhagafetse!"

 "Shoreline e gwetlha e le tota. Re ne re na le batshwara-lenaneo ba le bane bao ba le bararo ba bone ba iseng ba ko ba tlhage mo thelebieneng. Go dira gore mongwe le mongwe a dire bojotlhe jwa gagwe go lapisa tota.
Kwantle ga basadi ba babedi ba batshwara-lenaneo ba ba neng ba sa dire le rona ka dinako tsotlhe, e ne e le nna fela mosadi mo lenaneong la botlhagisi  mme dilo di ne di sa tsamaye sentle ka dinako tsotlhe. Ka lesego, nna le Chris Lotz re na le dingwaga di le thataro re dira mo lenaneong la ROER! mme re ne re tlhaloganyana. Re ne re sa tlhoke gore mongwe le mongwe wa rona a ithute puo" ya yo mongwe go tswa kwa tshimologong.

 Tiro ya mo thelebieneng e batla go tshwaraganelwa fela thata le go dira gore batshwara-mananeo le setlhopha sotlhe ba ntshe ga tshwene."
 Mme  fa tiro e weditswe, ke ikutlwa ke dule matsutsuba, ke thuntse moriri e bile ke dirisitse mabotlolo a le mantsi a kirimi ya go itshireletsa mo letsatsing, ee, ke ikutlwa ke godile jaaka mokaedi e bile ke anaanela tiro ya me fela thata.
 Ke batho ba le ba kae ba tiro ya bone e ba nayang thono ya go tsaya loeto ka tiro go ya kwa mafelong a a gaufi le lewatle.....?"

Le fa go ntse jalo, a re ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla lemogang gore Shore line e ne e le tiro e e boima . E ne e re batla diura di se kana ka sepe tsa tiro, malatsi a le mantsintsi  ka gonne re ne re le mo tirong motsotso mongwe le mongwe wa letsatsi le go robala go le gonnye fela. Gantsi re ne re tlhoka go filima mo maitseboeng go simolola ka ura ya bo 6  morago ga go dira letsatsi lotlhe. Morago ga moo re ne re robala ka ura ya bo 3 mo mosong, re bo re tsoga ka ura ya bo 6 go tsaya loeto ka koloi go ya kwa lefelong le le latelang.

  Ka dinako tse dingwe re ne re sena nako e e lekaneng ya go tsenya dikhemera dibeterii. Go ne go direga gantsi gore dikoloi di gane go  tsamaya mme, se se neng se dira dilo maswe le go feta, ke gore re ne re tshwenngwa ke go bo re sa ntse re na le mo gontsi go go filima kwa lefelong le re neng re sa le itse kgotsa re sa itse se se neng se tlile go direga kwa go lone ..
Le fa go ntse, Sanet a re ga a ikwatlhaele go bo a tsere tiro eno gotlhelele.

O belegetswe kwa Prince Albert kwa Kapa Bophirima e bile e ne e le moithuti wa ngwaga wa bofelo ka 2003 mme dingwaga di le pedi moragonyana o ne a newa moputso wa ATKV wa go dira lenaneo le lentle go gaisa a mangwe mo makasineng kgotsa mo setlhopheng sa mokgwa wa botshelo.
 Shoreline e simolotse mo bekeng eno mme e tla gasiwa mantaga mongwe le mongwe maitseboa ka 19:30 mo go SABC 2. Ke lenaneo la tikologo la ditshwantsho tsa boleng jo bo kwa godimo tse di bontshang lemorago la tikologo ya baagi le khumo e e fitlhegileng ya Aforika Borwa.





Sanet Olivier.


______________________________________________________________________________________
Sanet Olivier le maloko a setlhopha sa gagwe se se tlhagisang filimi ka nako ya go filimiwa ga Shoreline.

