Baithuti ba newa Thuso ya Madi a go ya go Tsweletsa Dithuti Kwa Norway






VANDERBIJLPARK.  'Tsela-tshweu' go baithuti ba babedi ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) bao boeng jaana puso ya kwa Norway e neng ya ba naya thuso ya madi a go ya go tsweletsa dithuto tsa bone kwa moseja. Baithuti ba babedi bano ba lekwalo la morago ga boalogane, e leng Jabulile Makhalima le James Moleli, ba tshwaragane le go ithutela dikirii ya bone ya Masetase ya botsamaisi jwa mafapha a a kopaneng e leng MSc-logistics mo Sekolong sa Disaense Tsa Ikonomi.

 Go ya ka Porofesa Roy Dhurup, Modini wa: Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso, thuso eno ya madi a go ya go ithuta ke karolo ya letsholo la puso ya kwa Norway le le letlang baithuti ba ba tswang kwa dinageng tse di tlhabologang gore ba ye go tsweletsa dingwe tsa dithuto tsa bone tsa morago ga lekwalo la morago ga boalogane kwa Norway. Baithui bano ba tlile go kopana le baithuti-ka-bone kwa Yunibesiting ya Molde kwa Norway moragonyana mo ngwageng ono. Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) le Yunibesiti ya Molde di ne tsa saena Memorantamo wa tumalano mo tshimologong ya ngwaga ono. Go ya ka Porofesa Dhurup, baithuti bano ba tlhagafetse tota e bile ba lebile pele go ya go nna le maitemogelo a a itumedisang tota a go ithuta kwa Norway.


______________________________________________________________________________________
Mo  tseleng go ya Norway. Go tswa ka fa molemeng ke Ngaka Wynand Grobler (Mokaedi wa: Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi), Jabulile Makhalima, Porofesa Roy Dhurup (Modini), James Moleli le Porofesa Tielman Slabbert (Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi).

