YBB e amogela thuso e kgolo go ka dira patlisiso






Potchefstroom - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) ke gone e fetsang go saena tumelano e e leng ya ntlha ya mofuta o mo nageng ya rona e e leng ya go bula ditsela tse dinthwa gammogo le setlamo sa Sasol Technology.

Tumelano e ya patlisiso ya mofuta o le mongwe e tlhoma thulaganyo ya tirisanommogo mo ditikologong tse di farologaneng tsa mo yunibesiti e nang le tshono ya go ka itemogela diporojeke tsa patlisiso mme setlamo le sone se itemogelang diporojeke jaaka go ka tlhokega. Tumelano e e bophara e, e tsere sebaka sa dilemo di le pedi tsa dipuisano mo go ilweng ga lebelelwa mabaka a mantsi mme a batlisiswa mme a akangwa go fitlhelela tumelano jaaka e dirilwe jaanong.

Tumelano ya patlisiso e tlhomelwa mo dikhamphaseng tsotlhe tse tharo mme e tsenya le babatlisisi botlhe ba YBB. Diporojeke tse di kgolo tse di botlhokwa jaanong jaana ke tsa kwa Magorong a kwa Boenjeniri le kwa Disaenseng tsa Tlholego. Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom, o rile gore go saena tumelano ke tiragalo e e itumedisang thata mme a re gape gore mo dikatlegong tsa tumelano go tla mela tirisanommogo e ntsi mo nakong e e tlang.

Go ya ka Moporof Kobus Pienaar, Modiini wa Disaense tsa Tlholego, tumelano e gatelela thata botlhokwa jwa tirisanommogo magareng a YBB le Sasol Technology. Ene o beile setlamo leina la mogwebisani wa yunibesiti wa togamaano.  Moporof Pienaar o rile gore bogwebisani jaaka tumelano e ke ntlha e e botlhokwa thata mo tikologong ya patlisiso le katiso mme go tswela sethaba le tlhabololo ya batho ba sone mosola o mogolo.

Go ya ka Moh Elani Engelbrecht wa karolo ya tsa Molao ya YBB, YBB e tsere karolo e kgolo ka gore yunibesiti e ne e ntse e kopantsha batsayakarolo le barerisani go tokofatsa le go netefatsa tumelano. Mor Johan Nel, molaodi wa thekenoloji wa setlamo o rile gore: Le fa go na le diyunibesiti tse dingwe mo tumelanong, Potchefstroom e tsere karolo e kgolo go feta mo tirong ya go diragatsa tumelo e kgolo e.


______________________________________________________________________________________
Moporof Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB), mor Johan Nel, Molaodi wa Thekenoloji le Ngaka Sven Godorr, Molaodi wa Patlisiso le Tlhabololo, ba kwa setlamong sa Sasol Technology, ka nako ya tshaeno ya tumelano magareng a YBB le Sasol Technology. Kwa morago go na le Moh Elani Engelbrecht wa Kgaolo ya tsa Molao,  Baporofesara Albert Helberg, Modiini wa Motshwareledi wa Boenjeniri, Christien Strydom wa Disaense tsa Popego le Khemi, Kobus Pienaar, Modiini wa Disaense tsa Tlholego le Maritte Lowes, Motlatsamoreketoro wa Akatemi.

