Khamphase e tlhagisa bommampodi ba ju-jitsu






Mafikeng  -  Boeng jaana khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophrima (YBB) e ne ya tlhagisa mampodi wa yone wa ntlha wa lefatshe kwa dikgaisanong tsa Bomampodi ba ju-jitsu tsa US.

Rebaone Mokolobate (27) o ne a rwesiwa korone ya mampodi wa lefatshe mo setlhopheng sa ba ba gaisanang mo setlhopheng sa ba ba ka fa tlase ga boima jwa 75 kg (Di CL di le 158) morago ga a sena go semelela mo kgaisanong e e matlho-mahibidu le bangwe ba ba tswang kwa United States of America (USA), Jamaica, Poland, Canada, Trinidad le Tobago.  Kgaisano eno ya bomampodi e simolotse ka la di 28 Seetebosigo go ya go 9 Phukwi 2009 kwa Colorado Springs Resort, Colorado, USA.  

Rebaone le moithuti-ka-ene, e leng Tshepo Botipe (26), yo le ene a tswang kwa YBB, ba ne ba ikgapela mmentlele wa gauta kwa dikgaisanong tsa Bomampodi ba Bodithabathaba ba Ju-Jitsu ba Aforika Borwa tse di neng di tshwaretswe mo Khamphaseng ya Mafikeng mo ngwageng o o fetileng. Phitlhelelo eno e ne ya dira gore ba tshwanelegele go tsenela dikgaisano tsa Bomampodi Tsa Ju-Jitsu tsa US. Tshepo, yo o neng a semelela mo kgaisanong ya ba boima jo bo ka fa tlase ga 65 kg (Di-CL tse 128) o ne a tla a ikgapetse mmentlele wa boronse. O ne a amogela mmentlele ono fa a ne a gaisana mo setlhopheng se segolwane.

Setlhopha sa Aforika Borwa se maloko a sone e neng e le Rebaone le Tshepo le bagaisani ba bangwe ba le bane (banna ba bararo le mosadi a le mongwe) ba ju-jitsu, ka kakaretso ba gapile maemo a boraro mo kgaisanong eno mme ba newa mmentlele wa boronse.

Rebaone o ne a re Kgaisano eno ya Bomampodi ya US e ne e se mothofo ka gonne re ne ra tshwanelwa ke go gaisana le bagaisani ba ba nang le bokgoni jwa maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, re ile ra di itumelela thata le go ithuta go le gontsi ka motshameko ono."

Baatlelete ba babedi bano ba re ba solofela gore ba tla nna le seabe gape mo kgaisanong e e tlang, ya Destiny,e e tla tshwarwangk a August monongwaga kwa Cape Town.


__________________________________________________________________________________


