Ditiragalo tse di mo filiming e ntha ya Bakgat tse di filimetsweng mo khamphaseng






Potchefstroom - Mo bekeng e e fetileng Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne e neile setlhopha se se filimang filimi eno boroko gore se filime ditiragalo tsa filimi ya Bakgat.Jaaka mo filiming ya nako e e fetileng ya Bakgat, Ivan Botha o boile gape o tshameka karolo ya motshameki-mogolo  - e mo go yone a leng motshameki wa rugby e leng Wimpie Koekemoer.







__________________________________________________________
Wimpie Koekemoer (Ivan Botha) o ne a bolelela mamaangwe maaka mme a nyelela ka bonako jo a neng a ka kgona ka jone

 Baithuti ba le mmalwa ba Puk ba ne ba rulaganngwa gore ba nne ditlhopha tsa babogedi fa thoko ga lebala la rugby.
Go ya ka Lucia Meyer, motlhagisi-mmogo le mmenejara wa go tlhagisiwa ga filimi eno, filimi eno e nha e tla gololwa go sa le gale mo ngwageng o o tlang.  Motlhagisi wa yone ke Danie Bester mme Henk Pretorius ke mokaedi le mokwadi wa yone.





______________________________________________________________________________________________
Boradikhemera ba Bakgat 2 ba ne ba filimela ditiragalo tseno fa pele ga moago o mogolo ka Labotlhano.

