Moitsesaense wa Nyutlelia kwa YBB o amogela awate e e batlwang ke mongwe le mongwe






Potchefstroom - Werner van Antwerpen o itshupile e le moemedi wa mmatota wa Aforika Borwa, wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) le wa Sekolo sa Saense ya Nyutlelia sa Morago ga Boalogane le sa Boenjenere fa boeng jaana a ne a amogela Awate ya I Harry Mandil ka ntlha ya patlisiso e e duleng diatla ya dikirii ya masetase mo tirong ya gagwe ya boenjenere jwa nyutlelia.

Ga jaanong jaana Van Antwerpen ke moithuti wa PhD mo tirong ya Boenjenere jwa Nyutlelia kwa YBB, e bile o weditse M.Eng ya gagwe ya Boenjenere Jwa Nyutlelia (Dionase) ka Phatwe 2007. Setlhogo sa pego eno e ne e le Multi-quadrant performance simulation for subsonic axial flow compressors. Se se neng sa dirwa mo patlisisong eno e ne ya nna go dira tiro ya go etsisa tsela e mothini o dirang ka yone go bolelela pele tsela e o tlileng go dira ka yone ka fa tlase ga maemo a a tlwaelegileng fela le ka nako ya fa o fetlha maatla a a kwa godimo thata a nyutlelia, e bile seno ke thuso e kgolo tota mo go direng kgatelopele mo botegeniking jwa methini e e fetlhang maatla a nyutlelia, e e tsidifatsang gase ya mogote o o kwa godimo thata. Van Antwerpen a re, Ke ikutlwa ke le motlotlo tota go bo ke amogetse awate eno. Ke segofaditswe ka ditsela di le dintsi tota. Seno sotlhe ke ka ntlha ya thuto ya maemo a a kwa godimo e e rutwang e sekolo. 

Harry Mandil yo o tlhokafetseng ke ene a ileng a thaya MPR, e leng bodirelo jwa ditiro tse di farologaneng jwa boenjenere, e e neng ya tlhongwa ka 1964. Bodirelo jono bo dira ditiro tse dintsi tse di farologaneng mo dinageng di le dintsi, mme boeng jaana bo simolotse go dira tiro ya jone le mo Aforika Borwa. MPR e ema thuto le patlisiso nokeng fela thata, mme e tlhamile awate eno ya bodithabathaba ya go tlotla baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe botlhe ba dikirii ya masetase mo go tsa boenjenere jwa nyutlelia.

Sekolo sa Saense ya Nyutlelia sa Morago ga Boalogane le sa Boenjenere e ne e le sone sa ntlha go newa thono ya go etelela pele Boenjenere Jwa Nyutlelia mo Aforika Borwa, mme diphitlhelelo tsa sone di dira gore YBB e gagamalele go nna le mekgwa e mea ya go dira dilo. Gape, Van Antwerpen e ne e le Moaforika Borwa a le mongwe fela yo o neng a tlhopetswe go ya go tsaya karolo kwa Khonferenseng ya Bodithabathaba ya Baa ya European Nuclear Education Network Association (ENEN) e e kaga Go Fetlhwa ga Maatla a Nyutlelia e e neng e tshwaretswe kwa Budapest mo masimologong a kgwedi ya Seetebosigo. Ka nako ya khonferense eno, Van Antwerpen o ne a itsisiwe jaaka mongwe wa bafenyi ba bararo. Mongwe wa moputso o a neng wa o newa ke go lalediwa go ya go neela puo kwa khonferenseng e e latelang ya ENEN monongwaga kwa Paris, kgotsa mo ngwageng o o tlang kwa Barcelona.



______________________________________________________________________________________________

Werner van Antwerpen, Porofesa Jat du Toit kwa kokoanong ya Boenjenere Jwa Methini le Porofesa Maritte Lowes, Motlatsa-moreketoro:  wa Tsa Akatemi.

