Khamphase le MIDZ di saena tumalano ya mananeo a go dira patlisiso






Mafikeng  Boeng fela jaana, Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) e ne ya saena tumalano le Mafikeng Industrial Development Zone (MIDZ) ya go tlhama mananeo a patlisiso a a golaganeng le Polane ya Kgwebo ya MIDZ e e tla tlamelang ka thono ya go lekwa le go tsweledisetswa pele ga kitso, bokgoni le ditlhamosea tse yunibesiti e tlamelang ka tsone.

Dingwe tsa dilo tse go tla dirwang patlisiso ka tsone di akaretsa tlhokomelo ya dikgomo; kabo ya dikumo mo lefapheng la dipalangwa; disaense tsa dingaka tsa diphologolo; tlhokomelo ya dimenerale; molao wa tsa tikologo; tlhabololo ya dikgono tsa tiro; tlhabololo ya temothuo le ya loago..... Tsweetswee tobetsa fano gore o lebe tshedimosetso e e (Link: http://www.nwu.ac.za/opencms/export/NWU/html/news/Persvrystellings/press32_t.html) neilweng babegadikgang gore ba e phasalatse.



_____________________________________________________________________________________________

Rre Tebogo Kebotlhale, Motlhankedi Khuduthamaga-Mogolo (CEO) wa Mafikeng Industrial Development Zone (MIDZ) o na le Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunbesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) mme ba saena memorantamo.

