Mokhanseliri o sadisa botlhe sentle








Ka nako ya go tlhomiwa ga gagwe jaaka Mokhaseliri wa ntlha-ntlha wa NWU ka di 14 tsa Moranang 2005, Ngaka Popo Molefe o ne a re go kopanngwa ga Yunibesiti ya pele ya Bokone-Bophirima le Yubibesiti ya Potchefstroom ya Thuto e e Kwa Godimo ya Sekeresete le go akarediwa ga Khamphase ya Sebokeng ya Yunibesiti ya Vista mo go kopanngweng ka tsone ke sesupo se se nonofileng sa tetlano le go aga sethaba.



Ngaka Popo Molefe

Pelenyana fela ga fa lobaka lwa tiro ya gagwe lo felelwa ke nakko, o ne a re, Lemororo NWU ya gompieno e se gore e itekanetse, e na le dikgang tse di kgatlhang tsa go atlega ga yone mo go tsa thuto e e kwa godimo ya mo Aforika Borwa. Mo godimo ga gore Yunibesiti eno e iponele maemo a go kaiwa e le e e laolwang ka tsela e e molemo go di gaisa mo Aforika Borwa, gape e ne ya newa kabelo ya go bo e ile ya thusa thata mo go rotloetseng tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go aga sethaba mo dingwagweng di le 10 tse di fetileng go gaisa yunibesiti e pe e nngwe mo nageng.

Mo godimo ga moo, go nnile le makgetlo a mabedi  la ntlha ka 2005 le ka 2008  a ka one NWU e neng ya bidiwa setheo sa thuto e e kwa godimo sa Aforika Borwa se se nang le mokgwa o moa wa go dira dilo tsa boteteniki go gaisa tse dingwe tsotlhe.








