Innovation award






Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (NWU) e amogetse kabelo ya go nna moitshimololedi yo o tsweletseng pele go gaisa wa 2004 mo Kgaisanong ya Boitshimololedi jwa Bosethaba mme ba amogela R500 000 ya kabelo ya madi kwa moletlong o o kgethegileng kwa Johannesburg.

Kgaisano e, ke itshimololelo e e rotloeditsweng ke Letlole la Boitshimololedi la Lefapha la Saense le Thekenoloji. Kgaisano e, e kgakotswe ngwaga o o fetileng mme ya ya kwa bokhutlong fa bafenyi ba ne ba itsesiwe mo bekeng e e fetileng.

Mo kgaisanong ya motho ka nosi ya baitshimololedi ba ba kwa pele ba bawa NWU e ne e le yona fela Yunibesithi e e neng e na le batlhopiwa ba le bararo mo go ba le somepedi ba be neng ba le mo makgaolakgang.

Mo kgaisong e NWU ne e le ya bobedi ka porojeke ya yona e bong The Intelligent Sparkplug mme ya tlisa gape R200 000 gae.

Boitshimololedi jo jwa maemo a a kwa godimo bo bona phokotso e kgolo ya ikonomi ya dituki le dintsho mmung, fa e sa ntse e lekanyetsa motlakase. Porojeke e, e setse e ngoketse kgatlhego go tswa go badiri ba dikoloi ba bodithabathaba, go sa gakgamatse fa go lebilwe tlhatlogo e e sa tswang go itemogelwa ya tlhatlogo e e sa tlhomamang ya ditlhwatlhwa tsa oli.

Sparkplug e ribolotswe ke Paulus Kruger le Barend Visser- bobedi bo tshwaragane ga jaana le didikerii tsa bona tsa bongaka  mo bokaeding jwa ga Prof. Okkie De Jager wa Sekolo sa Astrophysics le Mr. Gerhard Moerdyk yo o dirang jaaka mogokaganyi wa tsa kgwebisano.

Batsenela kgaisano ba bangwe ba babedi ba NWU e ne e le Hardware Random Number Extractor ya ga Roelf Botha le Barend Visser  le bona ba le mo kaelong ya ga De Jager, le JS1 Revelation  New Generation 18m class Glider wa Sekolo sa Mechanical Engineering.

New generation Glider e na le ditokafatso tse dikgolo di le mmalwa, e netefatsa go relela ntle le  thuso epe fela. Matlhale a a gakgamatsang a a mo morago ga kakanyo e ke Johan Bosman le Riaan De Bruyn mo bokaelong jwa ga Mr. Attie Jonker go tswa kwa Sekolong sa Mechanical Engineering ka go dirisana le Uys Jonker, tlhogo ya JS1.

Hardware Random Number Extractor e tla tlhatlosa tshireletsego ya thulaganyo ya dipolokelo e bile e dirisiwa go etsisa tsa matlotlo le mo metshamekong ya dikhomphiutara.

Yunibesithi ya Stellenbosch e abetswe kabelo ya go nna yunibesithi ya Aforika Borwa e e gaisang go feta.

Dr. Eugene Lottering, mokaedi mokhuduthamaga wa Letlole la Boitshimololedi, o rile ba ikaeletse go tsweletsa tlhabololo ya tlwaelo ya dipatlisiso tsa boitshimololedi mo tikologong ya thuto e kgolwane mme e yona gammogo le ditheo tsa thuto, e tla netefatsa gore bana ba ba tlang ba e tla nnang bapakakgwebo ba Aforika Borwa e nna ba maemo a a kwa godimo mo lefatsheng  ka tota.

