Moreketoro o etela toropo e Puk e tlholegileng kwa go yone






Potchefstroom - Porofesa Annette Combrink, Moreketoro wa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), le maloko a mangwe a batsamaisi ba khamphase ba ne ba boela morago mo hisitoring go bona gore Puk e simoletse kae.

Lefelo le ba neng ba boela kwa go lone e ne e le Burgersdorp, toropo e e kwa Kapa Botlhaba e kwa go yone batlhatlheledi ba babedi le baithuti ba le batlhano ba neng ba neng ba simolola tiro dingwaga di le 140 tse di fetileng fa Reformed Church e sena go dira tshwetso ya gore go agiwe Sekolo sa Bodumedi. Batlhatlheledi ba ba neng ba sena gone ba ne ba newa kagonyana ka fa morago ga ntlo ya moruti lekgetlo la ntlha-ntlha ka la 19 Ngwanaatsele 1869.



Sengwe sa dilo tse di neng tsa dirwa fa go ne go etetswe Burgersdorp e ne ya nna go kopana mmogo gape le baithuti ba nako e e fetileng ba setheo sa rona go tswa mo go lone lefelo leo le go dira loeto lwa botsalano kwa go Rre William Ngoqo, Ratoropo. Le fa go ntse jalo, ntlhakgolo ya loeto lono e ne e le go etela musiamo wa segopotso wa setso le hisitori o mo go one go bontshiwang ka tsela e e kgatlhang gore Sekolo sa Thutobomodimo se simolotse kae. Tshimologonyana eno ya sone e ne ya feleletsa e le Yunibesiti.

Maloko a badiri ba YBB kwa lefelong la bobolokelo jwa tshedimosetso le kwa musiamong a dirile ka natla boeng jaana go tlhama dilo tsa go dira dipontsho tse dia tse di bontshang tshimologo ya Yunibesiti. Dilo tseno tsa go dira dipontsho tse dia di weditswe mme di beilwe bontle mo teng ga musiamo go bontsha batho tshimologo ya yone kwa Burgersdorp.

Mo godimo ga moo, Porofesa Combrink o ne a naya Rre Gerhard Coetsee, modulasetulo wa Boto ya Batlhokomedi ba musiamo, kgatiso e e kgethegileng ya Bible the Reformed Church of South Africa (Gereformeerde Kerk van Suid-Afrika - GKSA) e e gatisitsweng mo ngwageng ono go keteka ngwaga wa bo 140, le kgatiso ya tayari ya ga Porofesa Dirk Postma, moruti wa ntlha wa Sekolo sa Bodumedi le mosimolodi wa GKSA.

 Gape mo setlhopheng sa ba ba neng ba tsere loeto, go ne go na le Diporofesa e leng Maritte Lowes, e leng Motlatsa-Moreketoro wa tsa Akatemi, Jan Swanepoel, Modini  wa Diatshe, Dries du Plooy, Modini wa Legoro la Thutobomodimo, Batlotlegi Tom Larney, e leng Tlhogo ya Ferdinand Postma Library, Theo Cloete, e leng Mokaedi: wa Dipapatso le Tlhaeletsano, Jan Schutte, e leng Tlhogo ya Ditirelo tsa Sethekeniki, Bahumagadi  Annette Kellner, Johanna Bornman le Rre Jaap Verhoef, botlhe ke ba lefelo la bobolokelo jwa tshedimosetso la musiamo wa YBB.                                                                                   



_______________________________________

Ka loeto lono, go ne ga bulwa semmuso keteko-moletlo ya segopotso sa Yunibesiti sa dingwaga tse 140. Dikgwedi tsa ngwaga otlhe tsa Khalendara ya Khamphase ya Potchefstroom di tletse ka ditiragalo tse dingwe tse di rulaganyeditsweng go keteka dingwaga di le lekgolo le someamane. Dithulaganyo tse dingwe gape tse di dirwang ke tsa go amogelwa ga sefikantswe sa ga Totius mo khamphaseng. Gape go dirwa dithulaganyo tsa go aga lebota la segopotso.



