Moreketoro o nna seoposengwe le baithuti ba ba golafetseng






Mafikeng  Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), e leng Porofesa Kgwadi, o ne boeng jaana a ipha nako ya go tlwaelana botoka le baithuti ba ba golafetseng le fa gone a tshwaregile thata ka tiro.



Boikaelelo jwa seno e ne e le gore a kgone go bona dikago tse di tlhokang go tlhabololwa. Ga go ise go tlhongwe letsatsi la go tlhabololwa ga tsone. Moreketoro wa Khamphase e leng Mohumagatsana Vida Mutlaneng, mookamedi wa Setheo sa Bogole, le sa baithuti ba ba golafetseng mo mmeleng o ne a tsamaya a sekaseka dikago tsa khamphase.  Moreketoro wa Khamphase ene o ne a tsamaya dikago tsotlhe a ntse mo setulong sa maotwana ka lobaka lwa ura.

Jaanong Moreketoro o tla kgona go tlhalosetsa batsamaisi ba khamphase boemo jotlhe sentle gore baithuti ba ba golafetseng ba kgone go e dirisa kwa ntle ga mathata. Ga go ise go itsiwe sentle gore ke dikago dife tse di tla tlhabololwang.
________________________________________
Porofesa Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khamphase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), a na le Rre G Rasello.

