Tlhokomelo ya Baa, ke molaetsa o o rometsweng ke Pukfms Community Cuddle






Potchefstroom - Mo lobakeng lwa boeng jaana lwa PUKfm, seteiene sa radio sa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB), se ne sa simolola porojeke e e mosola ya go kokoanya diaparo gore di newe bana ba bahumanegi mo tikologong ya Potchefstroom.

Mo porojekeng eno, setlhopha sengwe le sengwe sa baithuti ba Volkskool High le sa Potchefstroom Gimnasium se ne sa rotloediwa gore se tlatse mabokoso a magolo ka diaparo tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba di apara. Matsapa ano a ne a duelwa ka gore sekolo sengwe le sengwe se newe nako mo lenaneong la PUKfm gore se tshware thulaganyo e ntha ya Skolie Show.

Baithuti ba ile ba dira go tlala seatla mme ka ntlha ya seno, go ne ga feleletsa go kokoantswe mabokoso a magolo a a fetang someamatlhano a a tladitsweng ka diaparo tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba di apara.  Ka go dira jalo, ba ile ba tlhomamisa gore baithuit ba le bararo ba ba tlhophilweng go tswa kwa sekolong sengwe le sengwe ba a katisiwa kwa PUKfm mo malatsing a a tlang a boikhutso a mariga gore ba nne le seabe mo lenaneong la Skolie Show. Bontsi jwa bareetsi ba seteiene seno sa radio ke baithuti ba mafelo a a gaufi le seteiene seno.

Go ya ka Liomee van der Merwe, e leng leloko la setlhopha sa botsamaisi sa dipuisano le baagi le dilo tse di botlhokwa la PUKfm, maikaelelo a magolo a seteiene seno sa radio sa baagi ke go tlisa tlhabololo mmogo le go tshwara dipuisano le baagi.  Porojeke eno ya go dira gore baa ba akanyetsa baa ba bangwe ba ba tshwanetseng go kgotsofalela bonnye jo ba nang le jone, e ne ya bidiwa Community Cuddle. Maikaelelo a mangwe ke go katisetsa baa go tshwara dipuisano le ba bangwe mo radiong.

Sekolo sengwe le sengwe se ne sa amogela maboko a le someamabedi gore di a tlatse, mme a ne a nna mantsi go feta ka fa go neng go lebeletswe ka gone fa labofelo go ne go tladiwa a a fetang someamatlhano. A ne a tlala dilori tse dinnye di le tharo! Sengwe sa dilo tse Volkies a neng a di dira e ne e le go tla ka mokgwa o moa wa kafa seno se neng se ka dirwa ka gone fa ba ne ba tshwere letsatsi le le kgethegileng la Sivvie day go rotloetsa baithuti go aba diaparo. Ka go dira jalo, Volkies o ne a nna le dikgwedi di le tharo tsa go gasa ka sekolo sa bone mme Gimmies ene o ne a tlhomamisa gore ba tla gasa sebaka sa kgwedi.
Mmino le thulaganyo ya lenaneo di tla dirwa ke baithuti ba dirisana mmogo le setlhopha sa botsamaisi sa lenaneo la  PUKfm.

Diaparo di ne tsa abiwa mo bekeng e e fetileng  dingwe tsa tsone di ne tsa abiwa kwa  Hope Village mme tse dingwe kwa Koningskinders. Go sa ntse go tla abiwa diaparo tse di oketsegileng mo diporojekeng tsa Student Rag Community Services (SRCS).

Mo ngwageng ono, PUKfm e dirile diporojeke di le mmalwa tse di dirwang mo baaging. Maloko a ne a nna le seabe mo Blikkieskosdag mme a abela sekolo sa tlhokomelo ya bana ba bahumanegi madi le dilwana ka go rekisa di pancake di ka nna sekete. Gape, seteiene se ne sa nna le seabe mo letsholong la Kansa la Relay for Life.



Meyer Conradie go tswa kwa Hope Village o amogela mokowa wa diaparo gore di newe batho ba ba tlhokomelwang ke setheo seno. O na le Liomee van der Merwe, leloko la setlhopha sa botsamaisi la PUKfm la puisano le baagi le dilo tse di botlhokwa.

