Baithuti ba Maloba ba Puk mo Ditlhopheng Tsa Bosethaba Tsa Rugby






Potchefstroom  Baithuti ba le mmalwa ba maloba ba Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) ba ne ba tsenngwa mo ditlhopheng tsa bosethaba tsa rugby kgotsa tsa go ikatisa ka Mantaga.

Ba ba neng ba dira sentle thata e ne e le Deon van Rensburg yo o neng a tsenngwa mo setlhopheng se se sa ntseng se Fatlhoga sa Mabokoboko gore a nne motshameka-gare mo motshamekong wa Maborithani le Irish Lions ka 23 Seetebosigo.

Van Rensburg o na le dikirii ya Masetase ya Dikhemisi mme gape o ne a emela Setheo sa Rugby.  Gone jaanong jaana ke motshameki wa nako e e tletseng wa rugby yo gape a neng a tshamekela Lion mo ngwageng ono mo kgaisanong ya Super 14.   O ne a tsena sekolo sa Higher Technical School (HTS) sa Potchefstroom.

Batsadi ba ga Deo ka bobedi ba dira kwa Khamphaseng ya Potchefstroom. Mamaagwe e leng Christelle, ke mothusi-mogolo wa tiro ya botsamaisi yo o dira ka dithelete tsa Sekolo tsa dipatlisiso ka Kharikhulamo (Saense ya Thuto). Papaagwe, e leng Dawid, o dira kwa Residents and Catering Service (RSC)

 Go na le batshameki ba bangwe gape ba babedi mo setlhopheng. Franco van der Merwe o feditse nako e telele a tshamekela Setheo mmogo le setlhopha sa Leopards pele a ya go tshamekela Golden Lions. Talente ya ga Burton Francis yo o tshamekang mo maemong a Fly-half e ne ya lemogiwa la ntlha ke setheo, mme morago ga ngwaga wa gagwe wa ntlha o ne a ngokwa key Blue Bulls ka tuelo e e seng kana ka sepe.

 Mokapotene wa nako e e fetileng wa Setheo sa Rugby, e leng Wilhelm Koch, o ne a ngokiwa gore a nne leloko la setlhopha sa ikatiso se se sa ntseng se Fatlhoga sa Mabokoboko 7 mme o ne a kopana le sone kwa Stellenbosch ka di 10 Seetebosigo go fitlha ka 13 Seetebosigo. Jovan Bowles wa Leopards le ene o mo setlhopheng seno.



Deon van Rensburg

