Go abiwa ga di dikirii di le Someamarataronn tsa MBA






Potchefstroom - Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom (PBS) mo Khamphaseng ya Potchefstroom ya Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (YBB) se ne boeng jaana sa aba di dikirii di le 64 tsa masetase tsa dithuto tsa Go Tsamaisa Kgwebo (MBA).

Mohumagatsana Marilize Minne, e leng motlhankedi wa dikamano le baagi o ne  a re "Ka nako ya tiragalo eno PBS e ne ya atswa baithuti ba le mmalwa ka ntlha ya diphitlhelelo tsa bone tsa maemo a a kwa godimo le tiro ya bone ya ka natla ya dingwaga di le tharo tse di fetileng. Moalogi mongwe le mongwe o botlhokwa fela thata go PBS e bile re ba eleletsa tsotlhe tse di molemo mo mekgeleng ya bone ya botshelo ya tiro e e amanang le kgwebo."

Rre Christo Vorster o ne a kaiwa e le yo o nnileng le phitlhelelo e e kwa godimo go ba gaisa botlhe mo dithutong tsa gagwe tsa MBA mo dingwageng di le tharo tse di fetileng. Rre Voster o ne a newa Mmetale wa Gauta wa Old Mutual ka ntlha ya phitlhelelo eno ya gagwe e e gakgamatsang. Rre Theuns Truter go tswa kwa Old Mutual o ne a mo naya mmetale ono.

Rre Peet Brits o ne a kaiwa a dirile sentle thata mo pegong ya gagwe ya patlisiso e a boneng 83% ya dimmaraka mo go yone, mme Professional Provident Society (PPS) e ne ya mo naya mmetale wa selefera. Rre JC Vorster, moemedi wa lekala la PPS kwa Potchefstroom, ke ene a neng a mo abela mmetale oo.

Porofesa Maritte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: wa Akatemi le Porofesa Tommy du Plessis, Mokaedi wa PBS ba ne ba abela baalogi ditifikeiti tse di farologaneng tsa ditiro tsa bone tsa maatlametlo mo dirutweng tse di farologaneng.

Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo, e leng Porofesa Tommy du Plessis, o ne a re PBS e motlotlo go katisa baeteledipele ba boleng jo bo kwa godimo le go itse gore mongwe le mongwe wa bone o tla thusa ka tsela e e kgethegileng mo tirong e a e dirang.



Porofesa Maritte Lowes (Motlatsa-Moreketoro: Wa Diakatemi tsa Khamphase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirma), Batlotlegi Christo Vorster (mofenyi wa mmetale wa gauta wa Old Mutual), Frik Vermaak (Modulasetulo wa Baithuti ba Maloba) le Porofesa Tommy du Plessis (Mokaedi wa Sekolo sa Kgwebo sa Potchefstroom).

